Breaking News

Tshipe o akgola lekgotla le mopalamente

05 May 2014

Mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o akgoletse lekgotla la Shoshong Constituency Development Trust Foundation le mopalamente wa kgaolo eo, Rre Phillip Makgalemele go tswa ka mogopolo wa go gogela bagwebi le dikhamphane tse di ikemetseng kwa kgaolong ya Shoshong.

O buile jalo kwa letsatsing  la go simolodisa  mananeo a dikhamphane tsa Pule Funeral Services le Liberty Life Insurance bosheng.

Kgosi Tshipe a re e re ka mo dipakeng tsa gompieno tsa diphetogo matshelo a le thata e bile diphitlho di le turu, ke sone se Batswana ka bontsi ba inaakantseng le dikhamphane tsa diphitlho di tshwana le Pule Funeral Services le ya Lyns gore e re mpuru a faretswe, di kgone go ba ema nokeng jaaka Motswana a buile a re, mosele wa pula o epiwa go sale pele.

Kgosi Tshipe o tlhalositse gore se se dirilweng ke Pule Funeral Services le ya Liberty Life Insurance gammogo le lekgotla la Shoshong Constituency Development Trust Foundation, ke maiteko a go tswa tema maikaelelo a lekalana la Rural Development Council le le tlhomilweng ke puso ka maikaelelo a go rotloetsa bagwebi go simolola go tlhoma dikgwebo kwa metseng selegae.

O tsweletse a re, fa bontsi jwa dikhamphane tse di ikemetseng ka nosi di ka ema mogopolo wa lekalana la Rural Development Council nokeng, batho ba metse ya magae ba ka emisa go tshelegela ka dipalo tse dintsi kwa ditoropong di tshwana  le Gaborone, Lobatse, Selibe-Phikwe, Francistown le Jwaneng ka jaana ba tla bona ditiro gaufi kwa metseng e ba tlholegang kwa go yone.

O kopile batho ba kgaolo ya Shoshong ba dipalo tsa bone di fetang dikete tse di masome a mararo le bobedi ,go tsena ka mmetela mo thulaganyong ya diphitlho ka jaana motho le ba lelwapa la gagwe  ba ka bolokiwa ka  P15 000.00 mongwe le mongwe wa bone, ntswa lelwapa lengwe le lengwe le ntsha P45.00 kgwedi le kgwedi.

Bangwe ba dibui mo letsatsing leo e ne ele mopalamente wa kgaolo Rre Phillip Makgalemele, mogolwane go tsweng kwa komponeng ya Pule Funeral Services Rre Silvester Tshomane le Mme Kgomotso Disele go tsweng mo komponeng ya Liberty Life Insurance, ba botlhe ba neng ba supa boitumelo ka tshwaragano ya bone ya go simolodisa thulaganyo ya diphitlho kwa kgaolong ya Shoshong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Tshimolodiso ya mananeo

Date : 05 May 2014