Breaking News

Ba Tonota ba itumelela Ipelegeng

05 May 2014

Banni ba motse wa Tonota kwa kgotleng ya Maaloso ba galaleditse lenaneo la Ipelegeng fela thata. 

Ba supile seo kwa phuthegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e e neng e tshwerwe kwa kgotleng eo bosheng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa kgotla eo, Rre Matshidiso Mothibi o nankotse ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng tse ba di dirileng di akaretsa go adiwa  ga matlapa mo dikholobeteng tse pedi mo tseleng e tona le kwa kgotleng e tona gammogo le kwa diofising tsa khansele, go ntshafatsa leobo la kgotla  le go phepafatsa motse.

E re dikgang di eme jalo, mongwe wa maloko a komiti eo Rre Ezekiel Thabologo o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke boitsholo jwa babereki bangwe ba Ipelegeng, ba ba leng thata go laolesega mo tirong.

RreThabologo o tladitswe ke Kgosi Isaiah Gaseitsewe wa kgotlana ya Maaloso, yo o tlhalositseng fa le ene kgang ya boitsholo jwa babereki ba Ipelegeng e mo tshwentswe fela thata mme a tlhalosa fa a nale tumelo ya gore dilo di tla a fetoga.

O boletse gore babereki ba Ipelegeng ba tshwanetse go itse se ba se thapetsweng mme ba dire tiro ya bone ka botlalo, ba tlogele go tlhola ba ntse mo meriting ya ditlhare ka nako ya tiro.

Mme Suzan Tlhakanelo yo eleng mongwe wa babereki ba Ipelegeng a re, o tshwenngwa ke babereki ba Ipelegeng ba tsewang ka teng ke bagolwane, bogolo jang fa ba ikopa mo tirong e le ka go tlhoka go tsoga sentle.

Mme le fa go ntse jalo, bontsi jwa banana ba ba neng ba tseneletse phuthego eo, ba supile fa ba itumelela lenaneo la Ipelegeng e bile ba bolela fa le ba tswela mosola fela thata ka go sa tshwane le fa ba ne ba ntse fela kwa malwapeng ba sa dire sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : TONOTA

Event : Phuthego

Date : 05 May 2014