Breaking News

Mopalamente o lekodisa banni ka palamente

05 May 2014

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa Rre Abram Kesupile o sa tswa go lekodisa banni ba kgotla ya Tsopye mo Kanye ka tsa palamente e sa tswang go wela e bile di ama ditlhabololo tsa kgaolo ya bone.

Ga a rola tekodiso ya gagwe, Rre Kesupile a re ditlhotlhomiso di supa fa dituelo tsa metsi tse di kwa godimo di dirwa ke gore bangwe batho ba utswa metsi mo malapeng a batho ba bangwe, a tlhalosa jalo gore bangwe ba abo ba utswela dikgomo tsa bone, mme bone batho ba ba dirang jalo ba na le dipompo mo malapeng a bone.

“Batho bale masome a marataro le bobedi ba ikuetse ka sekoloto se se kwa godimo sa metsi go simologa ka Sedimonthole ka ngwaga wa 2013 go fitlha ka kgwedi ya Tlhakole 2014, mme bangongoregi bao ba ya go lekolwa mme go bone ba le masome matlhano le bone ba tshwanelwa ke go duela sekoloto seo, fa bale borobabobedi bone go sa ntse go dirwa ditlhotlhomiso”, ga bua jalo Rre Kesupile.

Mopalamente a tswelela a lekodisa banni gore batho ba matlo a a ileng a ranyega fa go dirwa ditsela tse di tsamayang fa gare ga motse, ba ne bale 615 mme gaya go dirwa ditshekatseko gone kwa malapeng ao. Batho ba le 270 e nnile bone fela ba ba neng ba phimolwa dikeledi.

Rre Kesupile a re mo go ba ba 270 ba phimolo keledi, bale 256 ba setse ba neetswe madi ao, a selekanyo sa P528 104.80 mme ba ba lesome le bone ba ba setseng, bone ba ganane le dikatso tseo fa ba bangwe bone ba sa kgona go bonwa.

Fa ama ya ditsela, Rre Kesupile a re batho ba Ipelegeng ba ne ba eleditse gore go okediwe palo ya babereki ba Ipelegeng segolo jang ka ditiro tse ba di dirang dile dintsi jaaka go katolola matangwana le dikholobete mme seo ga se aka sa atlega ka gore ga go ise go dirwe thulaganyo.

Rre Kesupile o ne gape a ama kgang ya molao wa dithoto tsa banyalani, a re molao oo o baakantswe jaana; batho ba ba nyalaneng ka thulaganyo ya Setswana go raya gore bone ba tlhakanela dithoto ba rata kana ba sa rate, mme ba ba nyalanang ka tsamaiso ya ga molaodi bone ba tshwanetse go bona gore a ba tlhakanela dithoto kana jang.

A re mo molaong oo, banyalani ba kgona go fetola tshwetso epe e baka tswang ba e tsere ka nako ya nyalo, jaaka go dumelana go sa tlhakanele dithoto ntswa le ne le di tlhakanetse go le pele.

Fa ba akgela banni, Rre Moeti Maranyane a re seemo sa metsi se a tshwenya e bile ba amegile thata ka go nnile le gone go tsenwa ke malwetsi a metsi a kgotlelesegileng jaaka letshololo.

Rre Maranyane a tswelela a re dipompo di dutla dile dintsi mme kana go phunyega ga teng go dira gore mesele ya metsi e boele e tsene megare e tswang mo tikologong. 

Monni yo mongwe, Mme Teko Tebele, a re ene o thubegetswe ke ntlo nako e neng go agiwa ditsela mme sale ba mo raya ba re ba tla ya go lekola gore o senyegetswe gole kae, le gompieno ba ba tshwanetseng go ya go dira ditshekatsheko tseo ga ba ise ba iponatse.

Monana yo neng a tsene phutlhego eo, Rre Opelo Monang ene a re o eletsa gore fa go abiwa ditsha tsa bonno go dirwe thulaganyo ya kgokelo ya metsi gore banni ba ikgokelele metsi, a kaya gore kwa mafatsheng a tshwanang le Afrika Borwa le Namibia lenaneo leo lea dirwa.

Fa a akgela mo dipotso le dikakgelo mo boemong jwa khansele ya Borwa e bile ele mokhanselara wa Ntsweng Bophirima, Rre Patrick Ralotsia, a re ke nnete gore banni bangwe ba neetswe madi a phimola keledi mme ba ba sa ntseng ba na le ngongorego ya gore matlo a bone a a ka tswa a amegile ba ye go ikuela kwa khanseleng.

Rre Ralotsia a re ka seemo sa metsi, go supile fa diphaephe tsa metsi di le dikgologologo, ka jalo seemo seo se ama bophepha jwa metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2014