Tshenyo leina ke molato o motona
05 May 2014
Mookamedi wa cluster 8 Rre Tikina Mahate yo o okametseng kgaolo ya Borakalalo, o tlhagisitse banni ba kgotla eo go emisa magatwe a a felelang a senya batho maina ka selo seo ele molato o motona fela thata.
O buile jalo mo phuthegong ya itekodiso ya mopalamente kwa kgotleng eo bosheng.
E ne ya re a lekodisa mopalamente Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri ka seemo sa borukutlhi jwa kgaolo eo, Rre Mahate a supa fa se wetse tlase fela thata.
A re, mme le fa go ntse jalo, go nale bolwetsi jo bo neng jwa jwalega mo baaging ba kgotla eo jwa go senya mokhanselara wa bone leina.
O tlhalositse gore go nale batho ba ba tsamayang ka magatwe a gore Rre Shabir Kablay o bonwe a gateletse ngwana mongwe kwa kgaolong ya Khuduyamajapye a mo kgaola tsebe.
Rre Mahate a re, se, ga se nnete ke go batla go senya mokhanselara leina fela.
Rre Mahate o tlhalositse gore e rile ba sena go utlwa kgang e, ba e sala morago mme ba fitlhela ele magatwe fela e bile e amanngwa le ditlhopho.
O tlhalositse fa ba ne ba tsaya matsapa a go ya teng kwa Khuduyamajapye kwa ba neng ba kopana le Kgosi yo o tlhalositseng fa go ise go begiwe kgang ya go tshwana le eo kwa kgaolong ya gagwe.
Fa a ba ema ka lefoko, motsadi wa ngwana o tlhalositse fa ba nna bale barataro kwa ga bone e bile ba ntse bale kalo go ise go nne le ope yo o kileng a nyelela kgotsa go kgaolwa tsebe, a bolela fa se ele magatwe fela e seng sepe gape.
Fa a tsibogela seemo, mopalamente o tlhalositse fa go amanya motho le polao ya yo mongwe go ama fela thata.
A re, e ne yare a tsenelela ditlhopho ka ngwaga wa 2004, ene le Rre Daniel Kwelagobe ga tlala mo motseng gore ba bolaile mosadi mongwe.
A re, koloi e ba neng ba ngaparesitse ditshwantsho tsa bone mo go yone, e ne ya thubiwa ka matlapa fa marekisetsong a Mafenyatlala.
O boletse gore nako le nako fa go nna le ditlhopho dikgang tsa go nna jaana di a buiwa.
O tlhaloseditse morafe gore golo moo ke go senya motho leina, mme o tsweletse a re, Modimo o sekela ba ba senngwang leina ka boammaruri bo nna fela bo tswa.
A re, o itumelela gore nnete e dule e bile mmagwe ngwana o tlile go tla go tlhatswa mokhanselara leina fa pele ga phuthego.
E ne yare fa ba akgela, morafe wa Borakalalo wa tlhalosa fa batho ba ba anamisang magatwe a a tshwanang le a, ba dira gore batho ba tshabe mokhanselara, jaanong ba ipotsa gore batho bao ba batla gore Rre Kablay a tshele jang.
Ba kopile gore go emisiwe go anamisa magatwe a senang lepele le morago, ka ba tla itsenya mo molatong.
Fa akgela mokhanselara Shabir Kablay o lebogile ba ba boneng fa kgang e, e se nnete ele go batla go mo senya leina fela.
A re, o lemogile fa Modimo o le teng ,ka ke mo gompieno o mo seketse gore nnete e nne mo mpaananeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Margaret Motswana
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 May 2014