Bagolo ba nyoretswe thuto
05 May 2014
Bontsi jwa bagolo kwa motseng wa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami, ba supile fa ba na le kgatlhego ya go tshelwa lesedi la thuto mme sebe sa phiri e le letlhoko la motlhatlhelela dithuto mo sekolong sa thuto ga e golelwe.
Fa a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Gidion Sekoto a re dipalopalo tsa bagolo ba ba etelang ofisi ya bone gangwe le gape go tla go botsa ka seemo sa ikwadiso mo thuto ga e golelwe, di supa fa ba nyoretswe thuto. A re mme mo nakong ya gompieno, ga ba ise ba nne le ka fa ba ka ba thusang ka teng gore ba bone morutuntshi, gonne ene le maloko a mangwe ba sa ntse ba le magorogo masa mo ditilong tsa VDC.
Rre Sekoto a re le ntswa seemo se eme jalo, go a itumedisa ka go supa fa bagolo bao ba lemoga botlhokwa ja thuto. A re motlhatlhelela dithuto wa pele o ne a tlogela tiro ya gagwe ngwaga o o fetileng, morago ga go bona mafulo a matalana golo gongwe mme go tloga foo ga go ise go nne le ope yo o nnileng le kgatlhego ya go mo tsaya tema. O ne a kgothatsa botlhe ba ba nang le keletso ya go tsena thuto ga e golelwe go nna pelotelele go fitlha seemo se rarabologa.
Go sale foo, mongwe wa baithuti ba ba neng ba le mo sekolong pele se tswalwa, Mme Keotsenye Mokwena, yo o dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, o kaile fa pelo ya gagwe e le botlhoko ka lebaka la go ema ga dithuto tsa gagwe. A re o ne a dira go nametsa mo dithutong tsa sekgoa, Setswana le dipalo. Mme Mokwena a re o eletsa go bona a tsweledisitse fa a emeng teng gore e re ka ngwaga wa 2016 fa go buiwa ka tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, a bo e le mongwe wa tshaba eo. O kaile fa mo bonnyeng jwa gagwe a ne a tlhoka lesego la go tsena sekolo sentle mme a re o ne a sa ntse a solofetse go le go ntsi mo thuto ga e golelwe.
Le fa go ntse jalo, le ene o ne a gwetlha bangwe ka ene go nna pelo telele go fitlha seemo se boela mannong. O supile fa eletsa gore nako e sekolo seo se bulwang gape, go bo go sa rutwe go bala le go kwala fela mme go nne le dithuto tsa ditiro tsa diatla. A re se se ka ba rotloetsa go supa ditalente tsa bone le gone go ithuta mo go ba bangwe, ka Setswana sere, ‘dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe’, mme le bone ba kgone go tsoga ba itshetsa ka tsone ditiro tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MACHANENG
Event : Potsolotso
Date : 05 May 2014