Breaking News

Dikgang tsa bogosi di masisi

05 May 2014

Mma-Kgosi wa Batawana, Mme Moremi o kopile Batawana go bua dikgang tsa bogosi ka kelotlhoko ka jaana di le masisi.

A re fa dikgang tsa bogosi di ka tlontlolola morafe fa batho ba sa di ele tlhoko ka di ka tsala ditsheko. O buile jalo kwa kgotleng kgolo jaaka morafe o ne o tsile  go tla go rolelwa ke ba bogosi ka kgang ya go kaba phatlha ya mothusa kgosi e e neng ya bulega ngogola morago ga loso lwa ga Kgosi Pitsoyabosigo Moremi.

A re fa ba bua ka bogodi ba tswanetse ba bua dikgang tse di agang ntlo ya ga Moremi le Letsholathebe e seng dipuo tse di ka ba tsenyang mohoholela.

Bangwe ba ba-tsena phutego eo ba ne ba le sebete se molanwagana ka leina la ga Rre Pringle Dithapo yo o tlhophilweng ke marara gore o ka thusa kgosi kgolo.

Ba ne ba batla ditlhaloso tsa gore o tsena jang mo tsamaisong ya bogosi ka jaana magosi a pele a na le bana ba ba ka neelwang phatlha ya mothusa kgosi.

Dipuo di ne tsa nna mafaratlhatlha ka bangwe ba ne ba lela ka gore motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi le marara ga ba a dira morero o o lekaneng. Ba re ba dumela fa moswi Pitsoyabosigo Moremi le lelwapa la ga Kgosi Mathiba ba na le bana ba ba ka dirang tiro.

Kgang e ne ya kukediwa ke bangwe ba dikgosana ka jaana go supagala fa bone ba sa rerisiwa go le pele ka tshwetso ya bogosi mme dipotso tsa bone le tsone tsa nna matsorotsoro di latela ke tsa morafe ke ka jalo mmakgosi a neng a ema a gakolola morafe.

Mma-Kgosi o ne a lemotsha morafe gore fa borara bo thulantse ditlhogo ke sesupo sa gore ba setse tsamaiso morago. A re go supa gore ba sekaseke pele ga ba ka tsaya tshwetso e e maleba.

E ne e rile go le pele a rola kgang, motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi a tlhalosa fa borara bo ne jwa kopana mme jwa dumalana ka bongwefela jwa pelo go tlhopha Rre Pringle Dithapo go kaba phatlha ya mothusa kgosi.

A re tshwetso eo e dirilwe morago ga tshekatsheko e e tseneletseng ka jaana maina a ne a tswa a le marataro mme kwa phelelong Rre Dithapo a tlhophiwa.

A re ba ne gape ba dira jalo ba lebeletse molao wa bogosi o o fang kgosi dithata tsa go tlhopha yo o ka mo thusang mme morago a rerise morafe ka tshwetso ya gagwe pele ga leina le ka isiwa kwa pele.

Kgosi Charles Letsholathebe o ne a supa fa se ba se dirileng ba sa fapoga tsamaiso gope a tlatsa kak gore le ka nako ya ga moswi Pitsoyabosigo ba dirile fela jalo.

A re ga a gopole ka nako epe morafe o botsolosa ka ditso tsa bogosi gore mang o tsena jang fa go rileng mme a kopa morafe go wela dibete ka ba tsere dikgato tsotlhe tse di maleba.

A re bogosi jwa goo-Tawana bo ntse bo melediwa mathe ke merafe e mengwe mme a kopa morafe go boela morago mafoko a a ka tsosang modumo. “lo seka lwa re tsenya mo bogosing jo bo lwelwang ka jaana re gata mo dikgatong tsa boraarona”.

Kgosi Letsholathebe o ba kopile gore ba seka ba senya tsamaiso ya motheo ya bogosi.

Kgosi Dingalo wa Shorobe o ne a tshwaela ka gore morero o lekane a supa fa go tsere nako gore ba kabe phatlha eo ka jaana ba ne ba dira ditshekatsheko.

A re malwapa otlhe a bogosi a a maleba go rerisantswe le one mme ba itoka fa ba ka se kgone.

Morago ga ditlhaloso tseo morafe o ne wa amogela leina la ga Rre Dithapo ka diatla tsoopedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya morafe

Date : 05 May 2014