Breaking News

Mapodise a tlhotlhomisa loso

04 May 2014

Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi  a belaelwang a ikgapetse  botshelo ka go ikaletsa kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bofera bobedi bosigo ka nako ya bofera bongwe.

Assistant Superintendent Zibani Mbisana o supile fa mme yo a ne a le mmereki wa lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata gone mo Letlhakane.

O ne a nna kwa kgotleng ya Mokgobelele mme o tswa kwa motseng wa Mabeleapudi, mo kgotleng ya Kgalagadi.

Assistant Superintendent Mbisana a re mme yo, o ne a nna le ngwana wa gagwe wa mosimane, mme e ne ya re pele ga tiragalo a mo leletsa ka Sontaga maitseboa a mo neela dinomoro tsa sephiri  tsa dikarata tsa dibanka, nako e ka yone ngwana a neng a le kwa Orapa. Assistant Superintendent Mbisana o supa fa e rile ngwana a tla go tlhola mmaagwe letsatsi le le latelang, a fitlhela lebati le lotletswe mme mogala wa gagwe o lela o le mo ntlong o sa arabiwe.

Rre Mbisana a re morago ga go amogela boikuelo jwa ngwana, mapodise ba tla go thusa go bula lebati, ke gone ba fitlhela mme yo a akgega mo marulelong a ntlo. Rre Mbisana a re mmele wa mme yo o ne wa isiwa kwa sepateleng sa Letlhakane mme ba bongaka ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.

O tlhalositse gore moswi ga a tlogela molaetsa ope a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. E re dikgang di eme jalo ba sepodise sa Orapa ba tshegeditse banna ba le babedi ba e neng ya re kgwedi eno e tlhola gangwe makuku a naka tsa kgomo ba tshwarwa ka setlhatshana se se belaesegang e le motokwane sa bokete jwa 20kg.

Banna ba, ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bofera bobedi le masome a mararo  ba tshwerwe kwa kgorong ya terata ya taolo matlhoko a leruo ya Mokobaxane ba le mo mosepeleng go ya Maun. Assistant Superintendent Molefhe a re banna bao ba tlholega mo Letlhakane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : LETLHAKANE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 04 May 2014