Breaking News

Ipelegeng e tlhaelelwa ke ditsompelo

04 May 2014

Modulasetilo wa  komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Tuduetso Ramoswetsi,  a re, o tshwenngwa  ke tlhaelo  ya  didirisiwa  mo lenaneong  la  Ipelegeng.

O ntshitse  matshwenyego ao  mo phuthegong e  e neng  e biditswe  ke mopalamente  wa Molepolole Borwa Rre Daniel Kwelagobe kwa kgotleng ya Gakhunou  mo Molepolole  ka Labotlhano.

Mme Ramoswetsi a re,  ba na le  ditiro  di le mmalwa tse ba tshwanetseng go di dira di akaretsa  go baakanya  leobo la  kgotlana ya Maunatlala, go baakanya  tsela, go sela matlakala, go katolola melatswana, go baakanya  matlo a khansele a le masome a mabedi kwa kgaolwaneng ya  Bokaa  le ditiro tse dingwe mo godimo ga tseo.

A re, ba na le dikgaolwana  di ferabongwe tse  di nang le babereki  ba  Ipelelgeng , tse e leng  gore ba tshwanetse go  di thusa ka didirisiwa, a tlatsa  ka gore  kgaolo nngwe le nngwe  e na le garawe e le  nngwe,  selo se se ba itsang go dira  tiro ka botlalo.

O tlhalositse fa  ba thapile babereki  ba Ipelegeng mo kgaolong ya gagwe ba le  masome a fera bongwe  le botlhano, a tlatsa ka  gore  ba  abelwa ditiro fela mme go sena didirisiwa  tse ba di fiwang.

O tsweletse a  tlhalosa gore, go bereka ntle le didirisiwa tse di tshwanetseng, ke selo se se  ka tsenyang matshelo a babereki mo diphatseng.

O file sekai  ka kgang ya go sela  matlakala babereki ba sa itshireletsa , a re  selo se,  se  ka felela se tsenya  babereki mo diphatseng tsa go tsenwa le malwetse.

Go ntse gole fo, banni ba supile ngongora ka fa tshekatsheko ya lenaneo la nyeletso lehuma e dirwang ka teng,  ka ba re  e ba beile ka fa  mosing.

Ba re, go  lebelela  bonno jo moikopedi  a nnang  mo go jone go ba itsa  go ka nna  le sebaka sa go tsaya mananeo ao.

Ba  tsweletse ba gakolola gore ditshekatsheko  di tshwanetse   go  dirwa  go lebeletswe  gore moikopedi  ga a na se a itshetsang  ka sone  le gore  ga a bereke  eseng gore bonno jo a nnang mo go jone bo ntse jang.

Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo Rre Daniel Kwelagobe, o  gwetlhile  babereki  ba Ipelegeng go inaakanya le temo ka nako ya letsema.

A  re  go na le mananeo a puso a go thusa balemi ka dipeo, menontshane, dichefi  tse  di bolayang mhero le didirisiwa tsa temo.

O ba gakolotse gore ba ka boa ba inaakanya le lenaneo la Ipelegeng morago ga temo ka gonne temo e na le dipoelo tse di fetang dikatso tsa Ipelegeng.

Mopalamente o  gwetlhile  banni bogolo thata banana, go inaakanya le ditlhopho ka go ya go ikwadisa ka dipalo tse di nametsang, a tlhalosa gore go tlhoka go ikwadisetsa ditlhopho go nyemisa puso moko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amogelang Molatlhegi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 May 2014