Temo ke khumo
04 May 2014
Batswana ka kakaretso ba kopilwe go tlhwaafalela go dirisa mananeo a puso a temo.
Se, se builwe ke mothusa tona ya temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mookane le Mmaphashalala bosheng.
Rre Molebatsi yo gape a leng mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, o kopile Batswana go tlhwaafalela temo ka puso e otlolotse letsogo go netefatsa gore ope ga a tswe kwa masimong a iphotlhere.
A re, puso e neela balemi didirisiwa tsa temo mme sa bone ke go leta ba bo ba roba go ka a ja le go rekisa. O kopile Batswana gore ba ikwadisetse go fiwa dipeo, menontshane le tshefi nako e sale teng gore motlha wa temo ba bo ba eme sentle.
O bile a kopa beng ba diterekere go rurifatsa gore tsotlhe di apere tsiamo go lemela Batswana. Mothusa tona o lekodisitse morafe ka dikgang tsa temo-thuo di akaretsa go rotloetsa balemi go lema ka ditselana, go agelela masimo le go tsenya dikgomo mangena.
Fa ba tswa la bone, ba ne ba lebogela temo ya mono ngwaga, bogolo jang ka ba netswe ke dipula tse di namagadi. Kgosi Tsipana Tsipana wa Mookane a re, ka boammaaruri Morena o ba gopotse ka gompieno ba le mo pakeng e ba e itseng ya letlhafula jaaka mo bogologolong.
Kgosi Tsipana o boletse fa dipula tsa monongwaga e ne e le tse di mashetla, mme ka jalo a re, ba tla dika ba sa bolawa ke tlala ka gore molemi mongwe le mongwe o setse sengwe kwa masimong.
O ne a re, e re le ntswa dinonyane di itirelela ga tsone, ga go maswe thata, ba tla oba letsogo.
Mokaulengwe wa gagwe kgosi ya motse wa Mmaphashalala Kgosi Captain Bagatiseng, le ene fela jalo o supile fa mono ngwaga e le ngwaga o monamagadi fela thata. Kgosi Bagatiseng a re, e re le ntswa bangwe ba lela ba re pula e sentse dinawa kwa masimong a bone, ene o dumela fa pula e ne e baakanya lefatshe ka le ntse le le mo komelelong e tona.
A re, jaanong lefatshe le bokgola go baakanyetsa temo e tlang ka mashetla, mme le ene a kopa Batswana go tshwarelela mo temong go ijesa. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya balemi ba Mookane Rre Ditoi Tsebekgale, a re, leruo le itekanetse, ka phulo le yone e a nametsa ke dipula tsa matsorotsoro tse di neleng bosheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 May 2014