E.R.P unity e rera lorato le tlotlano
04 May 2014
Mokwaledi mogolo wa E.R.P Unity Church moruti Tshwaro Morobisi o kgothaditse balatedi ba kereke eo go jwala mowa wa lorato le tlotlano mo kerekeng ya bone a re seo ke sone se ka agang bokamoso jwa kereke le go e godisa, a re gape seo e tlaa bo e le go supa gore ke barata kagiso.
A re gape go botlhokwa gore ba tshele ka go rwadisanya merwalo, a fa sekai ka temana nngwe mo baebeleng mo lokwalong lwa ga Johane e e buang ka lorato.
Moruti Morobisi o buile jalo fa a ntsha pego ya mokwaledi mogolo mo bokopanong jwa kereke eo kwa Toropong ya Ghanzi bosheng. Moruti a re fa go na le lorato fa gare ga bone go ka ba thusa go gakololana go sena poifo, a gatelela ka gore lefoko kagiso le raya batho ba dira mmogo ka bongwefela jwa pelo ebile le supa tlotlano mo ditsong tsotlhe tsa merafe.
Moruti Morobisi o tlhalositse gore moono wa bokopano joo o rotloetsa balatedi ba kereke ya Unity go tshela mmogo ka lorato go sena kgethololo.
O tlhalositse fa maikaelelo a go nna teng ga komiti kgolo e le go tsamaisa, go supetsa, go tlhokomela ditlhabololo tsa dikago le go tlhokomela kereke ya E.R.P Unity ka bophara.
O tlhalositse gape fa e le tshwanelo ya komiti kgolo go direla maloko a kereke dithuto-puisanyo, go isa dipego kwa go ba kwadiso ya dikereke le mekgatlho ngwaga le ngwaga, go rotloetsa diphuthego go baya madi kwa di polokelong, go tlhatlhoba dibuka tsa kereke le tse dingwe.
Fa a ama tse komiti kgolo e di kgonneng mokwaledi–mogolo o boletse fa ba ne ba tshwara thuto-puisanyo e e itebagantseng le go tshwara madi le tse dingwe, o tlhalositse le gore ba lekalana la Kanye ba simolodisitse kago ya ntlo kgolo e go solofetsweng e tlaa lopa didikadike tse pedi tsa dipula a re mme ntlo e kgologolo ya borapelelo ga e a amega ka gope, o kopa diphuthego tsotlhe tsa kereke eo go tsenya letsogo mo kagong ya ntlo kgolo.
Moruti Morobisi o tsweletse a kopa lekgotla la bomme le banana go itsosa ka go lebega a le bokoa, a re seemo seo se a tshwenya ka gore kereke e ka tsaya dikgakololo tse di ka godisang kereke mo bananeng fa bomme bone e le pinagare ya kereke. O lebogile komiti kgolo ya ditlhabololo a re e ipapanne sentle ka maloko a yone, a re sebe sa phiri ke gore ga e ntshe megopolo e mesha.
Fa a rola pego ya gagwe modulasetilo wa komiti kgolo ya kereke moruti Judge Molemele le ene a kopa baphuthegi go ema nokeng ba lekalana la Kanye go kgontsha kago ya ntlo kgolo go ema ka dinao, o ne a rotloetsa komiti ya bomme, banana le ya ditlhabololo go kopana go buisanya ka bokamoso jwa kereke ya bone.
Moruti Molemele o rotloeditse dikomiti go leka bojotlhe go direla kereke madi ka ditsela tse ba ka di kgonang, a ba a kgothatsa baruti go ema ka dinao go dira ditsoseletso gore ba oke maloko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : GHANZI
Event : Bokopano jwa kereke
Date : 04 May 2014