O etjwa go sa le gale
04 May 2014
Mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo Rre Bapsy Jibichibi o kopile setshaba go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ke ya ba ba tlogetseng tiro ntateng ya bogodi.
A re, o itemogetse fa go le gantsi balemi ba tlhwaafalela go lema le go reka didirisiwa tsa temo fa ba sena go tlogela tiro.
Rre Jibichibi o buile jalo kwa letsatsing la go ipelela temo la balemi ba Mapatswa bosheng.
A re, temo e tshwanetse ya tsewa ka tlhwaafalo fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe gore lefatshe leno le emise go reka dijo di tshwana le mmidi, dinawa le mabele kwa mafatsheng a sele.
Balemi ba Mapatswa ke balemi ba ba ikopantseng go tlhabolola temo ya bone mme ba tswa kwa metseng e e akaretsang Makoro, Palapye, Lecheng, Goo-tau, Ratholo, Lerala, Maunatlala, Maokatumo, Matolwane, Tamasane le Topisi.
Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go lema ka ditselana, a bolela fa mokgwa oo wa go lema o ntsha thobo e ntsi fela thata.
O tlhalositse fa go le motlhofo go tlhagola mhero le go laola diji fa tshimo e lemilwe ka ditselana go na le fa go gasitswe.
A re, molemi o tshwanelwa gape ke go diga letlhaka fa a sena go roba ka le sala le e nwa metsi a a mo mmung e bile le e ja dikotla mo mmung mme balemi ka bontsi ga ba dire jalo.
Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go dirisa peo ya mmoulo, a tlhalosa fa e siame ka dijwalo tsa yone di sa gole thata mme seo se thusa gore metsi le dikotla tse di mo mmung di lekane.
Rre Jibichibi o rotloeditse ba ba nang le masimo mme ba sa a leme, go adima ba ba nang le kgatlhego ya go lema.
A re, balemi ba tshwanetse go nna teng ka nako ya fa ba lemelwa go rurifatsa fa ba ba ba lemelang ba ba lemela sentle.
O rotloeditse setshaba go tsena mo temong ka e na le mmaraka o montsi mo lefatsheng leno.
Mokhanselara wa Maunatlala Rre Samuel Morebodi o kopile balemi go tsaya dikgakololo tsa go tlhabolola temo ya bone.
A re, fa molemi a lema diekere di le tlhano ka ditselana a ka bona thobo e ntsi fela thata.
O tsweletse a re, bontsi jwa balemi ba na le letshogo la go fetola go lema ba gasa mme o gateletse gore ba tshwanelwa ke go tswa mo go gaseng ka go isa thobo kwa tlase.
Rre Morebodi o akgoletse balemi ba Mapatswa go ipopa go dira mmogo.
Mongwe wa balemi ba Serowe Rre Mogalakwe Mogalakwe, o boletse fa temo e le bokamoso mme e bile e ka namola Batswana mo lehumeng.
A re, puso e tsile ka mananeo a le mantsi a go tlhabolola temo ya Batswana, mme mananeo ao a tshwanetse a tsibogelwe ka bokete jo bo kgonagalang.
O tsweletse a re, nako e gorogile ya gore Batswana ba leme dijwalo tse di tla a ntshang ditlolo tsa moriri gammogo le mafura a a apayang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : LetsatsI la go ipelela temo
Date : 04 May 2014