Kabo ya madi e mo pepeneneng
04 May 2014
Mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole fa kabo ya madi e ama mongwe le mongwe yo o nnang mo lefatsheng le.
O buile se, mo phuthegong ya itekodiso kwa kgotleng ya Borakalalo bosheng.
Rre Matlhabaphiri o tlhaloseditse banni fa mo Botswana go sa fitlhiwe sepe ka tona wa tsa madi o ntsha pego ya ka fa madi a kgaoganngwang ka teng le gore a ya go dira eng.
O supile gore batho ba bangwe ba nna ba bolela fa bone ba sa itse sepe ka kabo ya madi a lefatshe.
A re, ditlamelo tse banni ba di dirisang, di dirilwe ka one madi a ba reng ga ba itse sepe ka one ao.
O tsweletse a re, dikole tse bana ba bone ba tsenang mo go tsone di tlhabololwa ka one madi a, ga mmogo le ditsela tse dikoloi di tsamayang mo go tsone.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gape gore kwa palamenteng go na le komiti e e bonang gore a madi a a abilweng a dirisiwa ka fa tshwanelong, a gatelela fa komiti e, modulasetilo wa yone e le mopalamente wa phathi ya kganetso.
O kgadile batho ba o ka fitlhelang ba re madi a puso a a jewa, a re batho bao ga ba bue nnete le gore ga gona mo go tweng dilo ke tsa phathi e e busang.
Mothusa tona o ba lekodisitse ka ditshwetso tse di dumalanweng kwa palamenteng ka madi a puso e a abetseng makalana a mangwe a yone.
O tlhalositse fa puso e dumalane go aba madi a ISPAAD gore ba tle ba kgone go lema.
O ne a bolela fa puso e ntshitse madi gore go tlhabololwe thuto. A re, dikolo jaaka Kgari Sechele di setse di onetse mme di batla go tlhabololwa, a tlatsa ka gore dijo tse bana ba di fiwang mo dikolong ga di a nonofa, jalo puso e batla go tokafatsa seemo ka madi a e a ntshitseng.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa matona a ne a anama le dikolo tsotlhe mo Botswana mme ba fitlhela barutabana ba tshwere bothata.
O supile fa seemo se, se isitswe kwa palamenteng gore se tle se sekasekiwe go tle go bonwe gore go ka dirwa jang go se tokafatsa.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa madi a mangwe a a neng a kopilwe e ne ya nna madi a go thusa ba-na- le- bogole, a tlatsa ka gore batho ba ba tlhokomelang ba-na –le- bogole ba nna fela le bone mo malapeng mme ba felela ba sa itirele sepe.
O tlhalositse fa madi a mangwe a kopetswe go lwantsha seemo sa metsi. A re go setse go goketswe didiba di le thataro mme go dira jaana go tlile go tokafatsa seemo sa metsi mo Molepolole.
O tsweletse a re, lephata la metsi le leka ka bojotlhe go phatlalatsa metsi mo Molepolole bogolo jang kwa Lekgwapheng kwa seemo sa metsi se santseng se tshwenya.
A re, le ntswa go le jalo, seemo sa metsi se tokafetse fela thata mo Molepolole mme ba santse ba lwa gore matshwenyego a fele gotlhelele.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gape gore madi a bagodi le a Ipelegeng a okeditswe, le gore batho ba Ipelegeng madi a bone ga a na go kgaolwa fa ba tsene diphuthego tsa kgotla le ka malatsi a boitapoloso.
A re, babereki ba Ipelegeng ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla ka nako yotlhe ka e tlaa bo e le ntlha nngwe ya go supa gore ba mo tirong, a tlhalosa gore ba bangwe fa go le diphuthego tsa kgotla ba ya go dira ditiro tsa bone tsa lelwapa mme a re se se supa gore ga ba a theogela.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse gore fa phuthego e dule ka bonako, babereki ba Ipelegeng ba tshwanetse go boela kwa tirong. O supile fa batho ba sa tsee tiro ya Ipelegeng tsia.
A re, le fa batho ba tsaya gore e diela batho nako mme motho o kgona go reka se se tlhaelang mo lapeng.
O tsweletse a ba kopa gore ba inaakanye le mananeo a nyeletso lehuma.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa bana ba ba fetileng lesome le borataro ba dikhutsana le ba-na-le bogole ba sa tlhole ba tlaa duela madi gore ba dire Omang.
O ne gape a bolela gore go dirilwe molao o mosha wa dipasa gore bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro ba duele lekgolo la dipula e seng makgolo a mabedi a dipula le masome a matlhano jaaka go ntse go duelwa.
A re, se se dirilwe go lebilwe gore dipasa tsa bana di nna dingwaga tse tlhano e bo di sa tlhole di dirisiwa mme fa ba di shafatsa ba duela lekgolo la di pula gape, fa tsa bagolo tsone di fela morago ga dingwaga tse di lesome.
E ne yare fa ba akgela, morafe wa supa fa ba itumeletse ditshwetso tse, ba bolela fa di tsile go tlhabolola matshelo a bone.
Mme le fa go ntse jalo, ba tlhalositse fa go na le magotswana a a phunyang diterata tse ba ageletseng dikoko ka tsone mme ba di utswe. Ba kopile tona gore e re fa ba ba abela terata, bogolo ba senkelwe e e thata e e ka sekeng e phunyege ka bonako ka e kare magotswana a santse a leka go phunya e tsose modumo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Margaret Motswana
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 May 2014