Breaking News

Tema o kopa badiri go disa dithoto tsa puso

04 May 2014

Badiri ba khansele ya Kweneng ba kopilwe go nna badisa mo go tlhomamiseng pabalesego ya ditsa-puso, go hema ditiro tsa bobelotshetlha jo bo dirwang ke badiri bangwe ba ba eteleditseng pele dikeletso tsa bone kgatlhanong le tsa setshaba.

E rile a bua le badiri mo phuthegong ya go itsheka-tsheka, mokwaledi wa khansele ya Mokwena Rre Wadza Tema, a re, o tshwenngwa  ke gore dikhansele di tsweletse ka go supiwa ka monwana gore di amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba, e bile di ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa tlase.

A re, e re ntswa setshaba se tsweletse ka go ngongorega, khansele yone e tsweletse ka go dirisa madi a a tsitsibanyang mmele, a a fetang P13 million go duela le madi  a dioura tsa morago ga tiro le ntswa seemo sa maduo se sa fetoge.

A re, o dumela fa e le boikarabelo ja botlhe go netefatsa gore dilo di direlwa mo pontsheng le go thibela mekgwa e e maswe go netefatsa gore dituelo tsa madi a  dioura tsa morago ga tiro di dirwa mabaka a letla, eseng go adima tshwene marapo batho ba emela go dira morago ga nako

Rre Tema a re,“Ga ke na mathata le go duelwa ga overtime fela fa e le gore go dirwa ka boikarabelo e bile go supilwe mabaka a gore ke eng e tshwanela go duelwa.”

Rre Tema o ngongorile gape ka thulaganyo ya go seka-seka maduo a babereki.

A re, maphata mangwe a e ikgatholositse mme batho ba tsweletse ka go bona dikokeletso le gone go tlhatlosiwa maemo le ntswa ba sa sale morago thulaganyo eo.

O tsweletse a re, ga gona ka fa lephata lepe la khansele le ka tswelelang ka go ntsha maduo fa bodiredi bo sa saene dikonteraka tsa go kalwa ga maduo mo tirong, mme a gatelela gore seemo se tshwanela go boela mannong ka ponyo ya leitlho  ka jaana go ikgatholosa thulaganyo eo ga badiredi bangwe, go ka ama khansele eseng batho ka bongwe fela.

Mongwe wa badiri Rre Theriso Keatweng, a re, seemo sa tshenyetso setshaba mo khanseleng ya Kweneng se tla a tswelela ka go gola fela fa khansele e sa tsenye leitlho boeteledipele jwa maphata ka go ikanya go thapa dikonteraka tse di lopang madi-madi gona le go dirisa bodiredi jwa khansele mo dipaakanyong tsa dikago. Bodiredi  le jone bo supile fa khansele e tshwanela go lemoga fa go senyega ga dikago go bakiwa ke go sa dirwe sentle ga tiro ke bo radikonteraka kwa ntlheng, mme ka jalo go pateletse khansele go tswelela e dirisa madi a mantsi mo dipaakanyong.

Le fa gontse jalo, mokwaledi Rre Tema a re, go sa dirwe sentle ga ditiro tsa khansele go ka ama bagolwane ka jaana ba nale kitso e e tseneletseng ka se se tlhokegang,  mme go ka direga gore ba nne moriti o tsididi le fa dilo di sa tsamae sentle, ba dira mo gotweng seboba ke bata sa mokwatla.

Mo mafokong a malebogo, mothusa mokwaledi wa khansele Mme Baipelelang Photlokwe, o iteetse legofi kgatelopele e e lemosegileng mo go robalelweng ke ditlhokwa ga khansele ya Kweneng, mo go supilweng ke ka fa phuthego e neng e neelana ka teng, go sena go gogagogana.

O gateletse botlhokwa jwa tshwaragano le neelano mo go tlhomamiseng go ntshiwa ga ditirelo tsa boleng.  A re, ke fela fa go na le morero mo go tse di dirwang go netefatsa gore khansele e fitlhelela tse e itlamileng go di direla setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 04 May 2014