Makgotla a babereki ga a lwe le puso
04 May 2014
Babereki bogolo thata badirelapuso ba gakolotswe go kgaogana le sepolotiki mme ba ithute ditshwanelo tsa bone.
Mafoko a, a builwe ke mookamedi wa lekgotla la babereki ba letsatsi Rre Simon Kgaoganang kwa moletlong wa segopotso sa letsatsi la babereki kwa Serowe.
Rre Kgaoganang a re, bone e le makgotla a babereki ga ba kgatlhanong le puso e bile ga ba tsene gope mo sepolotiking, kgang ya bone fela e fa gare ga bone le mohiri. O tlhalositse gape gore, makgotla a baberiki a itebagantse le go bona gore babereki ba itse ditshwanelo tsa bone le gore a ba tsewa sentle kwa ditirong e seng go bua ka sepolotiki le go leka go menola puso.
O tsweletse a re, sa bone ke go netefatsa fela gore ka nako ya ditlhopho tsa setshaba babereki ba ya go tlhopha.
O gateletsela thata gore babereki ba kgaogane le sepolotiki mme ba tlogelele mapolotiki tiro ya bone.
O gakolotse babereki ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi la babereki gore moletlo oo ga se wa babereki ba puso fela, mme ke wa babereki botlhe.
A re, go a swabisa go bo batho ba tsile go ipelela letsatsi le mme ba tlogetse badisa le ba ba ba thusang kwa malwapeng kwa morago.
Rre Kgaoganang a re, ka letsatsi le batho botlhe ba ba berekang ba a kopana mme ba neelane megopolo gore ba ka tokafatsa jang pereko ya bone.
O tlhalositse fa bangwe ba ntshitse letsatsi le la boitapoloso kgotsa le ba iperekang ka lone ka ba ya merakeng.
E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya Serowe ya BOFEPUSU Rre Joel Boitumelo, a tlhalosa fa a ngongoregela kemo nokeng ya babereki mo diphuthegong tsa go nna jaana ntswa makgotla a babereki a nale maloko a mantsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa segopotso sa letsatsi la babereki
Date : 04 May 2014