Breaking News

Ba tlhagisiwa go nna keletlhoko kwa Khawa

01 May 2014

 

Bakgweetsi, le setshaba ka kakaretso ba kopilwe go kgweetsa ka keletlhoko mo malatsing a a tlang a Khawa Dune Challenge a a tla tshwarelwang kwa Khawa go simologa kgwedi e e tlang e rogwa go fitlha e tlhola  malatsi a le mararo,  go thibela  dikotsi tsa tsela.

Se, se builwe ke mookamela mapodise a Middlepits Superintendent Moses Chibamo mo potsolotsong le ba lekalana  la  dikgang .

Superintendent Chibamo o tlhalositse fa go tlaa bo go na le batho ba le bantsi  go ya go iphokisa phefo le ba masika a bone kwa moletlong oo wa  Khawa Dune Challenge.   

Rre Chibamo o kopile  bakgweetsi go dirisana sentle le mapodise ka ba setse ba simolotse go ipapana  ka go dira dikganedi tsa tsela, go tlhomamisa gore molao wa tsela o a obamelwa, a kaya fa ba tla tseela dikgato botlhe ba ba tlaa o tsuololang. 

Mookamela mapodise a Middlepits o kaile fa tsela ya Tsabong/Middlepits  e le  ya sekontere mme a re,  go simologa kwa Khuis go ya Khawa gone ke tsela e e lekgwarapana e e ka nnang dikhilomithara di le masome a fera-bobedi.

Superintendent Chibamo o tlhagisitse bakgweetsi gore ba seka ba tsamaya  bosigo ka tsela eo e na le diphologolo le loruo lo lontsi lo lo gobeyang mo go yone. A re, gape e borai ka e tsosa lorole lo lo ntsi thata  lwa motsamao wa dikoloi. 

O kopile  bakgweetsi gore ba seka ba kgweetsa ba nole bojalwa le gone go pega morwalo o o feteletseng mo dikoloing tsa bone. A re,bakgweetsi ba obamela matshwao a tsela ka dinako  tsotlhe gammogo le go kgweetsa ka lobelo lo lo lekanetseng. O ba gakolotse gore ba tlhomamise  pele fa ba emelela mo maetong a bone gore a dikoloi tsa bone di itekanetse sentle.

Rre Chibamo o  kaile fa tsela  ya Khawa gape e siametse go tsamaega sentle ka dikoloi tse di bulegileng tsa motlhaba e seng tsa di mmotorokara. 

Superintendent Chibamo o gakolotse  setshaba go ela tlhoko gore ba seka ba gasa-gasa matlakala gongwe le gongwe kwa  motsing wa Khawa, ka seo se ka kgotlela tikologo le gone  go senya bontle jwa ditotoma tsa mmu.

Rre Chibamo o kopile setshaba go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo  malatsing ao,a tlatsa   gape ka go  tlhagisa bakgweetsi bogolo jang ba dithuuthuu gore ba seka ba tshamekisa dikoloi tsa bone mo gare ga batho ka go le borai e bile  go na le kgonagalo ya go baka dikotsi, selo se a reng  e le mapodise ba ne ba  se itemogela   mo nakong e e fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : Potsolotso

Date : 01 May 2014