Breaking News

Kgosi Thwane o lebogela khomputara

01 May 2014

 

 Kgosi wa motse wa Artesia mo kgaolong ya Kgatleng o lebogile ba sepodise sa Botswana mo kgaolong ya Borwa Legare, morago ga gore ba rekele ofisi ya gagwe sebalamakgolo.

Fa a amogela mpho eo, Kgosi George Thwane o ne a supa fa e le mpho ya botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore e tsile ka nako e e siameng, e mo go yone botshelo bo laolwang thata ke kitso ya tiriso ya dibalamakgolo.

O ne a solofetsa mapodise fa sebalamakgolo seo se tlaa dirisiwa sentle, a kaya fa le metse e e fa tlase ga motse wa gagwe e e akaretsang Kgomodiatshaba, Leshibitse le Dikgonnye di tlaa thusega thata ka sebalamakgolo seo. 

A re mapodise ba gatetse pele mo go diragatseng mangwe a matshego a tebelopele ya setshaba, a tlatsa ka gore sepodise se godile, fa go tshwantshanngwa le bogologolo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Thwane o ne a supa matshwenyego ka mapodise a a mo makgotleng a Setswana, a kaya fa ba beilwe ka fa mosing fa go tla mo kgannyeng ya tlhatloso maemo. 

A re mapodise a mo makgotleng a Setswana ba dira tiro ka bokgabane, a tlatsa ka gore le borukutlhi bo ile kwa tlase mo kgaolong ka ntlha ya bone mme o ne a kopa bagolwane go sekaseka kgang eo.

E ne ya re fa a ba sebalamakgolo seo, mogolwane wa mapodise a kgaolo ya Borwa Legare, assistant commisioner divisional commander Foreman Baganetswe, o ne a re e le ba sepodise sa Botswana ba tlotla bogosi jwa lefatshe leno fela thata. 

O tlhalositse fa ba bone go le maleba go rekela ofisi ya ga kgosi sebalamakgolo, a kaya fa ditso tsa sepodise di supa fa sepodise se simolodisitswe ke bogosi, ke ka moo ba lekang go supa gore e le ruri ba tlotla bogosi. A re keletso ya bone ke go bona ofisi ya bogosi e bonala e bile e kgatlhisa, a tlatsa ka gore ofisi ya ga kgosi ke yone e e amogelang baeng dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo afe.

Assistant commisioner Baganetswe o ne a tshwaela gape a re nako e tsile ya gore diofisi ka go farologana di fokotse go dirisa dipampiri thata, a supa fa sebalamakgolo se tlaa ba fokoletsa tiro.

 O tsweletse ka go kaya fa ba sa ntse ba le mo moonong wa ga Tautona wa go thusa fa puso e tlhaelang teng, e bile a gatelela fa e le maikaelelo a bone go tswelela ba thusa fa ba ka kgonang teng; jaaka ba tsweletse ka go agela matlo bangwe ba ba tlhokileng lesego mo mafelong mangwe a lefatshe leno. 

Rre Baganetswe a re ba ile ba tswa ka moono wa go ntsha madi mo dipateng tsa bone gore ba kgone go reka sebalamakgolo seo. A re sebalamakgolo seo se na le sengwe le sengwe se se tlhokegang gore se bo se ka dirisiwa. 

Fa a akgela mo kgannyeng ya tlhatloso maemo, o ne a tlhalosa fa ba leka fela thata, sebe sa phiri e le gore diphatlha ga di ke di nna dintsi ka nako ya tlhatloso maemo.

Fa a tswa la gagwe mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana mo Kgatleng, Mme Maletswane Bakwena, o ne a supa fa mpho eo e le molemo fela thata, a kaya fa ba na le makgotla a Setswana a le masome a mabedi le bobedi mme a a nang le dibalamakgolo a le mane fela. 

A re tiro ya bone ke go sireletsa tshaba ya lefatshe leno, a supa fa jaanong le bone ba sa itebaganya le tiro ya bone fela mme o ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. E ntse e le kwa letsatsing leo, assistant commisioner Baganetswe o ne a jwala setlhare mo kgotleng ya Artesia. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : MAMary Mofaladi

Location : ARTESIA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 May 2014