Breaking News

Mapodise a tlhotlhomisa loso

01 May 2014

 

 Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Tshikinyega kwa Mahalapye a fitlhetsweng a tlhokafetse.

Monna yoo, go bolelwa a emeletse mo lwapeng kgwedi eno ya Moranang e le lesome le botlhano mo mosong, a kaya fa a ya go batla dilwana tse a di rekisang mo semausung sa gagwe kwa marekisetsong a Mahalapye, mme a ela ruri. 

O bonwe maabane ke mofeti le tsela kwa kgotleng ya Xhosa go bapa le polase ya Morale mme a begela ba sepodise. 

Mookamela mapodise a Mahalapye, superintendent Amos Kekgathetse a re, go supagala fa rre yoo a ikaleditse ka go fitlhetswe a akgega mo setlhareng.  Rre Kekgathetse a re, go lebega rre yoo wa dingwaga tse di fa gare ga 30 le 35 a na le lebakanyana a ntse a tlhokafetse ka setopo sa gagwe se fitlhetswe se senyegile. 

Mo tiragalong e nngwe, banna ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga 27 le 28 ba bone dikgobalo tse di masisi morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e amege mo kotsing fa tsela ya Mahalapye e kopanang teng le ya Kalamare. 

Borre bao botlhe ba bone dikgobalo mo tlhogong mme ba robaditswe kwa dikokelong tsa Marina le Nyangabwe.

E ntse e le mo Mahalapye, rre mongwe wa kgotla ya Mowana o tseneletswe ke dilalome mo ntlong mme ba mo amoga dithoto tsa ntlo. 

Kwa motseng wa Taupye le gone go thubilwe mo sekolong se se botlana sa Moineedi mme ga utswiwa dikhompiutara.  Rre Kekgathetse a re, ba tshwere bangwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso mo tiragalong eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesego Lephojane

Location : MAHALAPYE

Event : Pego ya mapodise

Date : 01 May 2014