Go lela loshalaba kwa Gumare
01 May 2014
E rile bosheng, banni ba Gumare ba supa boitumelo jo bogolo morago ga gore ba Botswana Meat Commission (BMC) ba ba itsese fa ba tlaa kgona go pega dikgomo go ya matlhabelong.
Mo potsolotsong le BOPA, mothusa kgosi wa Gumare, Rre Jakoba Seidisa o kaile fa se se itumedisitse morafe wa gagwe fela thata ka ba ne ba setse ba tlelwa ke boitlhobogo mo thuong ya dikgomo.
Kgosi Seidisa o kaile gore thotloetso e barui ba neng ba e bona, e ne e le mo go rekisetseng ba diselaga. O supile gore e re le ntswa barui bangwe ba ne ba kgona go rekisa mo diselageng tse le tsone di leng palonyana ka motse o le monnye, ba ne ba di reka ka madi a mannye fela thata. BMC ya re e tlaa reka dikgomo mo kgaolong e ba e biditseng A2C, e e simololang kwa Tsau go felela kwa Ikoga.
Kwa mogotlheng wa Gumare ba tlaa pega ka Motsheganong go tsweng kwa merakeng ya Tubu.
Kgosi a re ba filwe palo ya selekanyo sa dikete tse pedi le makgolo a mabedi, mme a re e le morafe wa Gumare ba ne ba dumalana gore ba tlaa kgaoganya palo e ka bogare gore ba tsee di le sekete le lekgolo go tswa mo merakeng eo ka bobedi.
A re ntswa ba ne ba eleditse gore ba ka pega go feta, ga go tshwane ka ba ne ba sokola le go tsenya bana dikole go ne go ba imela ka e bile morafe wa kgaolo e, o ikaegile ka temo- thuo.
A re e re le ntswa noka e tshela, ga e ise e nne sekgoreletsi thata mo baruing ba meraka ka ba tlaa kgona go gatelela dikgomo ba di tlodisa molapo.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Seidisa o pakile gore monongwaga temo le yone e nnile e e itumedisang.
A re balemi ba molapo le ba temo ya komelelo, ba kgonne go bona thobo e e gaisang ya dingwaga tse di fetileng.
O tladitse ka go re le fa tshenyo ya diphologolo e le teng fale le fale, dipula tse di namagadi di dirile gore diphologolo di nne kgakala le masimo, ka go ne go na le melatswana e e neng e tshetse, jalo di kgona go nwa koo. A re tshenyo e nngwe ke ya dikgomo, mme eo ga e kake ya kaiwa ka e ka laolwa ke bone balemi-barui. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 01 May 2014