Tlotlang Tautona - Masisi
01 May 2014
Mothswarelela tona wa thuto le tlhabololo dikitso yo e bileng e le mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi, o ne a bua a menne phatla gore Tautona o tshwanetse go tlotlwa ka e le moeteledipele wa lefatshe e seng go mo maramara ka mafoko a a se nang boammaaruri.
Tona o buile jalo fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Letlhakane Bophirima le Tshwaane mo kgaolong ya gagwe bosheng.
Rre Masisi o kgadile batho ba ba kgakala le Tautona ba ba mmitsang maina a gore o a gatelela, a bolela fa Tautona a rerisana le matona le setshaba.
O boletse fa Tautona a etela metse le malwapa a Batswana a ba lekola.O boletse gape fa go fiwa maemo a go tshwarelela mo lephateng la thuto, a rerisitswe pele a bo a dumalana le Tautona, a tlatsa ka go re, ga se gore o pateleditswe go tshwarelela.
O boletse fa Tautona a setse molao-mothao wa Botswana morago go se na fa a fapogang teng.
Tona Masisi a re bagolo bangwe ba ba paletsweng ke tiro e ba neng ba e neilwe ba kgala Tautona fela go bo ba paletswe ke boikarabelo.
A re go phakisa batho dikobo ga se molato mme ke nngwe ya dithuso tse Tautona a thusang Batswana ka tsone.
Le fa go ntse jalo, Rre Masisi o ne a bolelela banni ba Letlhakane Bophirima le Tshwaane ka tsa melawana e e fetisitsweng kwa palamenteng e e sa tswang go wela.
Kwa Tshwaane o boleletse banni gore jaanong motse ga o na go fudusiwa jaaka go ne go akantswe pele, a bolela gore jaanong o dirilwe motse o o itsegeng, e bile banni ba teng ba tlaa simolola go fiwa ditsha le go kwadisa tse di teng ka fa molaong.
“Banni ba Tshwaane phuthologang mo motseng wa lona, le motse jaanong, ga le na go sutisiwa, mme le seka la laletsa batswakwa go tla go le tlatsa,” ga bua Rre Masisi.
Banni ba ne ba itumelela mafoko ao fela thata, ka jaanong e le motse, mo go rayang gore le ditlhabololo ba tlaa kgona go akarediwa sentle mo go tsone.
Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya metsi mo motseng le leruo le le senyang mo masimo.
Ba ngongoregetse borukutlhi le dintwa tse di tsalwang ke go nwa bojalwa phetelela.
Banni ba ngongoregile gape ka batho ba ba epang motlhaba mo melapong ba sa letlelelwa.
Kwa Letlhakane ba boletse fa tsela ya bone e e tswang Moshupa e le maswe fela thata mo dikoloi tse di rwalang setshaba di palelwang ke go e dirisa.
Le bone fela jalo ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya metsi.
Banni bao ba boile ba ikuela ka go tla morago ga didirisiwa tsa Ipelegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 May 2014