Sehunou o kopa kokelwana
01 May 2014
Kgosi Madala Gabagopolwe wa Sehunou o kopa gore ba agelwe kokelwana mo motseng ka ba sokola go isa balwetse kwa kokelong ya Motshegaletau.
Kgosi Gabagopolwe o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya dikomiti tsa tlhabololo magae tsa Sehuno, Motshegaletau le Mabuo, tse di neng di rulagantswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi.
Kgosi o tlhalositse fa tsela e e tsamaelang kwa Motshegaletau e se mo seemong se se itumedisang, ka jalo ba patelesega go kgarametsa balwetse ka dikiriba fa ba sa kgone go tsamaya sekgala se seleele.
A re ba kgona go fitlhela ngaka a setse a tsamaile mme go bo go se na gore molwetse o ka thusiwang jang.
Kgosi o tlhalositse gape fa ba sokodisiwa ke metsi ka dikarata tse ba di dirisang di kgona go tlhoka go bereka mme e re ba bolelela ba koporase ya metsi ba bo ba ba duedisa gore ba bone tse disha.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya Motshegaletau, Rre Gontse Gaboswetswe, o ne a kopa gore palo ya batho ba Ipelegeng e okediwe, a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba senyegelwang ke ditiro kwa dipolaseng ba tla ka mmetela go kopa ditiro.
Dr Venson-Moitoi o kopile dikomiti go tshwaragana le ba tsa thuto le khansele go kopa go agelwa matlo a di LA2 a barutabana.
A re dikgaolo tse dingwe di dira jalo mme go na le maduo a mantle fela thata.
O ne a kopa komiti ya Sehunou gore e tlhoafalele kopo ya motlakase mo motseng, a tlhalosa fa ba Mabuo ba ne ba tlhoafalela ba motlakase, ke ka moo ba setseng ba tsenyeditswe motlakase mo motseng.
Gone kwa phuthegong eo, tona o ne a abela ba komiti ya Mabuo ditshipi tse di kgaolang bojang di roba bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Otshidile Kebalemoge
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 01 May 2014