Breaking News

Bukana e tlaa thusa ba le bantsi

01 May 2014

Sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Kgatleng se supile kgatelopele ka jaana se ne se simolodisa kanamo ya bukana ya sone e e bidiwang KBC Awakened, ka Labobedi, Moranang a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe kwa ntlo lehalahaleng ya sekole seo.

Fa a bua mo bokopanong joo, mogokgo wa sekole seo Rre Edward Thabeng a re, e le ba Kgatleng Brigade ba ne ba kopanya ditlhogo go tswa ka maano a go ka tsholetsa leina la bone le gore setshaba se bone boleng-teng jwa bone.

A re, ka jalo ba bona go le maleba gore ba kwale bukana e ka yone setshaba se tlaa nnang le kitso e ntsi ka bomosola jwa dikolo tsa mofuta o.

A re, go simolodiseng bukana e, ba gwetlhilwe ke go lemoga gore batho ga ba ise ba tlhaloganye ka botlalo gore dikole tsa ithutelo tiro ya diatla di mosola , a tlatsa ka gore batho ka bontsi ba di tseela kwa tlase mme tota ba sena kitso epe ka tsone .

Rre Thabeng a re, ga se gantsi go buiwa ka dikole tse, ka jalo morafe wa Botswana o tloga o salela kwa morago ka kitso ya tsone.

O tsweletse a re, thuto e e tla a tswang mo kgatisong e ya KBC Awakened, ke e e tseneletseng, e bile fa Batswana ba ka e tsaya ka tlhwaafalo, ba ka dira sengwe se se nang le boleng ka matshelo a bone.

O tlhalositse gore bukana e e tlaa anama le Kgatleng otlhe, maphata a thuto, ga mmogo le Botswana ka bophara  go itsise setshaba ka tse di diragalang mo sekolong seo.

Rre Thabeng a re, go bo ba e anamisa le Botswana, ke ka gore sekole sa bone se tsaya bana go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno mo godimo ga moo a re, gape  go ka isa sekole sa bone kwa pele.

Rre Thabeng o tlhalositse fa go ile ga nna le dikgwetlho mo kgatisong ya bukana e, le fa  go ntse jalo  a  re, ba a itshekatsheka go tlhomamisa gore mo kgatisong ya bone e e latelang, ba tle ba baakantse fa ba sa tsamayang sentle  teng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Serefete Makoko go tswa kwa Department of Vocational Education and Training DTVET, o  supile boitumelo malebang le kgatelopele ya Kgatleng Brigade.

A re, sekole se se dirile tiro e ntle thata go itsenya mo ipapatsong gore lefatshe le ba sekaseke le bo le bone bokgoni jwa bone. A re, dikole tsa mofuta o di mosola fela thata ka di ruta bana methale e mentsi ya go ithuta go itirela ka diatla gore ba kgone go itshetsa motlhofo, a rurifatsa fa tiro ya diatla e le konokono, ka jalo ba seka ba e tlhabelwa ke ditlhong.

Mme Makoko a re, baithuti ba ipelafatse ka diatla tsa bone, ka tiro ya diatla e botlhokwa thata mo matshelong a gompieno. O tsweletse a re, e le moeteledipele wa tsa ipapatso, o motlotlo thata  ka se ba Kgatleng Brigade ba se dirileng ka se supa kgatelopele ka ba tlaa bonwa le kwa mafatsheng a sele.

O rotloeditse baithuti go tshwara ka natla fela thata gore ba tle ba lemotshe setshaba bokgoni ja bone.

Motlhotlhi wa bukana eo, e bile e le motlhatlhelela dithuto kwa sekoleng seo, Rre Boitshwarelo Beo a re, ba  ne ba solofetse go le gontsi thata mo kgatisong eo, a tlatsa ka gore ba tlaa ntsha ga tshwene mo  kgatisong e  e latelang.

A re, mo dikgatisong tse di latelang ba tlaa akaretsa dikarolo tse di farologaneng, e le ntlha nngwe ya go supa kgatelopele ya bone le dikatlego tse di nnileng teng gore setshaba se tlhaloganye mo go tseneletseng.

O boletse  fa ba tlaa bo ba ntse ba tshwaragane mo kgatelopeleng eo, a tlhalosa fa ba ikaelela go ntsha dikgatiso di le pedi tsa bukana e mo ngwageng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Kwape

Location : MOCHUDI

Event : Tshimolodiso ya kanamo ya bukana ya sekole

Date : 01 May 2014