Breaking News

Go tsibogela bolwetse ka nako go a boloka

01 May 2014

Mothusa Tona wa Botsogo Dr Gloria Somolekae o kopile setshaba go tsibogela malwetsi nako e santse e le teng.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa Maunatlala bosheng, o boletse fa go isa bolwetse kwa bongakeng nako e santse e le teng go ka thusa mo go bo alafeng bo ise bo kekele.

A re malwetsi a tshwana le jwa kankere, madi a matona, sukiri le jwa kgotlholo e tona a tshwanetse a tsibogelwa nako e santse e le teng.

A re bolwetse jwa kankere bogolo jang jwa kankere ya popelo bo tlhorontsha bomme thata mo lefatsheng leno.

Dr Somolekae o ne a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng nako e santse e le teng. A re go botlhokwa gape go itse dikai tsa malwetsi ka go farologana ga one ka go ka thusa ba bongaka mo go a alafeng kana mo go a laoleng a santse a simologa.

A re puso e dira gotlhe mo go kgonagalang go tsibogela botsogo jwa setshaba a bolela fa tlhokomelo ya botsogo e simolola fela ka mme yo o itsholofetseng.

A re mme yo o itsholofetseng o simolola a lekolwa malwetsi le tsotlhe tse di ka tswang di ka koafatsang ngwana yo a iseng a mo tshole.

Mo go tse dingwe Dr Somolekae o boletse fa puso e dirisa madi a a tsitsibanyang mmele mo ditlamelong tsa botsogo.

A re malwetsi a a tlhokanang le dipilisi gore a ritibatswe a tsaya bontsi jwa madi ka ba ba a lwalang ba tlhokana le tsone dinako tsotlhe.

Le fa go ntse jalo banni ba ne ba lela ka letlhoko la koloi mo kokelong ya bone. Ba boletse fa go nna bokete gore baoki ba kokelo eo ba kgone go ba fa ditlamelo tse di tshwanetseng.

Banni gape ba ne ba kopa gore kokelo ya bone e atolosiwe. Ba re dipalo tsa motse wa bone di ile kwa godimo ka jalo go nna mosuke mo kokelong.

Fa a tsibogela dilelo tsa bone, Dr Somolekae o ne a tlhalosa fa lephata la botsogo le lebagane le bothata jo botona jwa letlhoko la dikoloi mme go tsibogela seo dikoloi tse di senyegileng tsotlhe di tlaa baakanngwa.

A re dipalo tsa dikoloi tse di neng di dirisiwa ke dikokelo ka go farologana di 300 ka palo mme lephata la botsogo le eme ka dinao gore di baakanngwe di tsene mo tirisong.

Mo kgannyeng ya go atolosa kokelo, Dr Somolekae o boletse fa puso e na le letlhoko le letona la madi mme le dirilwe ke go ya tlase ga itsholelo. A re kwelotlase ya itsholelo e ne ya pateletsa puso go emisa tsotlhe tse di neng di le mo lenaneong go fitlha go siama.

A re bothata jo bongwe jo bo neng jwa tsibogelwa ke lephata la gagwe ke jwa tlhaelo ya melemo le dipilisi kwa dikokelong.

A re Lephata la Botsogo le tlaa saenela tumalano le ba Botswana Couriers gore ba ise melemo le dipilisi kwa mafelong a a farologaneng mme seo se tla a fokotsa letlhoko le le ntseng le le teng.

Dr Somolekae o ne gape a etela kokelo ya Maunatlala le Lerala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 May 2014