Ba ngongoregela tiego ya dithuso
01 May 2014
Banni ba Makuta, Nswazwi le Timbi mo kgaolong potlana ya Tutume ba lela ka koporase ya metsi, e ba reng e diega go araba matshwenyego le boikuelo jwa bone.
Ba boletse se, mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange Rre Edwin Batshu bosheng.
Banni ba re, koporase ya metsi e bonya go thiba diphaephe tse di dutlang tse ba bolelang fa di dirile gore metse e fetoge makadiba. Ba supile fa ba sa itumelele tiego ya go gokela metsi mo malwapeng.
Kwa Makuta le Nswazwi, banni ba kopile phatlalatso ya motlakase le metsi mo motseng gammogo le go bulwa ga dipompo tse di tswetsweng ke koporase ya metsi.
Bangwe ba ne ba kopa gore koporase eo, e emisiwe ka go lebega e palelwa ke tiro.
Mme Chenesani Babakisi wa Makuta a re, ba nwa metsi mo megobeng mme o swabile nko go feta molomo fa maloko a kereke nngwe a ne a bonwa a kolobetsa mo mogobeng o ba nwang mo go one.
Mo go tse dingwe, balemi ba ne ba lela ka dinonyane tse di tlhasetseng masimo a bone, ba tlhalosa fa maiteko a ba lephata la temo a go bolaya dinonyane tseo, a ne a itaya sefololetse ka tshologelo ya tsone e le e e kwa godimo fela thata.
Banni ba ngongoregile gape ka badirelapuso, ba ba nnang fela kwa diofising ba sa ise ditirelo kwa setshabeng go se tlhalosetsa ka mananeo a puso.
Rre Kegakgametse Bakani wa Timbi o supile fa lekalana la poso le imelwa ke tiro, ka jalo seo se dira gore go nne mosuke le bonya go thusa setshaba.
A re, go thapiwe badiri kwa posong go bo go atolosiwe dikago.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Batshu o boletse fa puso e sena maikaelelo a go emisa koporase ya metsi go siela setshaba metsi, a re ba tlaa tshwanelwa ke gore ba dire tiro le go bona gore ba siela batho metsi sentle.
A re badirelapuso ba tshwanetse ba ikitaya ka thupana gore ba ise ditlamelo kwa bathong.
Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng, o ba tlhaloseditse ka melao mengwe jaaka wa tiriso ya mogala wa letheka le wa dithoto tsa banyalani. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 May 2014