Breaking News

Ba-na-le bogole ba tla pele

29 Apr 2014

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele ga mongwe le mongwe.

Mopalamente a re lenaneo le ke le le ntshitsweng ke puso e bile moono wa lone ke go neela motho yo o tlhaelwang ke ditlamelo go gaisa yo o kgonang.

Ke ka moo a neng a supa gore ba na le bogole ke bone ba ba tla thusiwang pele mo mananeong otlhe a ga goromente. O ne a fa sekai sa gore fa bana ba pasitse mmogo, mo-na-le bogole o tshwanetse a fiwa maemo a ntlha fa go tsena mo go tsa khiro kgotsa tsa go tsweledisa dikolo go ya pele.

O ne gape a rotloetsa bagolo go isa bana ba ba nag le bogole ba bannye kwa dipateleng tse di mabapi go ya go ba kwadisa. A tlhalosa gore fa bana ba, ba kwadisitswe kwa dipatela ba tla akanyediwa pele ga bana botlhe e bile ba tla fiwa ditlamelo tse di maleba pele.

O tlhalositse fa bana ba, ba tshwanetse go fiwa dikarata tse di faphegileng ebile di tla ba thusa fa go tsena mo maneneong kgotsa ditlamelo dipe fela tsa lefatshe leno.

Rre Kwelagobe are maikaelelo a lenaneo le ke gore ba na le bogole ba seka ba fithwa mme ba ntshiwe kwa morago ga malwapa a tlatsa ka gore puso e lemogile gore ba na le bogole ba fitiwa ke dithuso tse di ba lebanyeng ka ntlha ya gore ba masika ga ba ke ba nne tshika ya go ba ntshetsa kwa ntle mme ba ba tshwalela mo matlong kgotsa ba ba fitlha.

O tlhalositse fa batho ba, ba na le tshwanelo ya mananeo a nyeletso lehuma e bile a supa gore le mo mananeong a nyeletso lehuma ba na le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele., a tlatsa ka gore e bile ka dipaka tsotlhe ba tshwanetse go thusiwa pele.

Mo go tse dingwe, Mopalamente o tlhalositse fa kgopho ya metsi mo Molepolole e tla simolola ngwaga ono e bile e neetswe didikadike tsa dipula di le masome a le mane go dira kgopho ya metsi.

O ne tlhalosa fa lenaneo la kgopho ya metsi le emisitse ditlhabololo ka bontsi mme jaanong ngwaga o go lebega o tla thusa ka seemo sa ditlhabololo tse ntseng di eme.

O ne gape a supa gore moalo wa ntlha wa kgopho ya metsi o tlodilwe ke nako mme ka ntlha ya seo ga nna go nna bonya gore batho ba ka thusiwa ka go epelwa mahuti a kgopho ya metsi aa leswe mo malwapeng a bone mme ka se banni ba Molepolole ba ngongorega fela thata.

 Le fa go ntse jalo a supa fa jaanong madi aa ntshitsweng a tsile go simolodisa lenaneo leo mme go diriwa moalo o mosha wa kgopho ya metsi.

Kwa bofelelong ba Ntloedibe ba ne ba supa Boitumelo jo bogolo tebang le dikgang tse kgang ka ba tlhalosa fa go ne go le dingalo go ya go kopa ditlamelo tsa mon le bogole ka jaana ba tshwanelwa ke go ema lobaka lo loleele.

Ba ne gape ba supa fa mo go tsa kgopho ya metsi aa leswe ba ne ba sa kgone go tlhabolola matlo a bone ka jaana go ne go sena thuso epe e ba neng ba e bona, tebang le seo.

Ba ne gape ba bolelela Mopalamente fa ba lebogela mananeo a puso a nyeletso lehuma. Ba tlhalositse fa a ba tswela mosola e bile a ba namotse mo leubeng ka jaana bontsi bo supile fa ba ne ba sa inee sepe.

Le fa go ntse ba ne ba bolele Mopalamente fa goromente a tlisitse mananeo a mantle ao, mme bothata jo ba tshwaraganeng le jone ele jwa bodredi. Ba ne ba bolela fa bodiredi bo le boitseme e bile mananeo a tla tloga a fela ba ise ba thusiwa botlhe ka jaana ba na le kgatlhego ya go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Apr 2014