Kgosi o rotloetsa botswerere le kelotlhoko
29 Apr 2014
Kgosi Kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o rotloeditse babereki ba basha mo lephateng la kabo ya ditsha mo kgaolong ya Kweneng go bereka ka botswerere le kelotloko ka nako tsotlhe.
Kgosi o ne a bua se bosheng mo thuto seka-di-puisanyo ya malatsi a mararo e e neng e ba ruta ka tiro e ba e thapetsweng. Kgosi o ne a ba tlhalosetsa fa ba tlile go tsaya marapo a go tlhokomela lefatshe.
O ne gape a ba tlhalosetsa fa Batswana ba le bantsi, lefatshe lone le lenyenyane mme ba botlhe ba eletsa go nna le sekidinyana sa lefatshe. A bua gore fa ba simolola tiro ba bo ba ikiteile sehuba go tla go dira ka natla le tlhokgamo ka ba ya go kopana le kgwetlho tse dintsi fa ba tsweletse mo tirong.
A re le fa ba tlile go dira bontle mo tirong go ya go nna le ba ba tlileng go nna baba kgala mme le fa ba dira jalo bone ba bo ba itse fa ba dira sentle.
Kgosi o ne a tswelela ka go ba tlhalosetsa fa go nna go na le di ngongorego go tswa mo morafeng ko dikgotleng ka tsamaisa ya go aba lefatshe, ba belaela fa go na le tshenyetso setshaba mo go ba ba abang lefatshe.
A ba bolelela gape gore mo lephateng la kabo ditsha mongwe le mongwe a lebiwa ele motho yo osa direng sentle go simolola ka ene yo o phepafatsang go ya go tsena ko go yo motona mme a ba rotloetsa go bereka ka molao ka ele one fela o o ka ba thusang mo tirong ya bone.
A ba rotloetsa go reetsa dithuto tse ba tlileng go di rutwa ka manontlhotlho gore ba tle ba kgone go dira sentle mo tirong ya bone.
E ne ya re a bula tiro eo semmuso modulasitilo wa khansele ya Kweneng Rre Motlhophi Leo a ba tlhalosetsa fa a dumela fa ba tla ka ditlhaloganyo le dikakanyo tse di tse di farologanyeng go tla go tokafatsa ditirelo le dithuso tse di fiwang setshaba.
A ba tlhalosetsa fa lephata la kabo ditsha le lebagane le kgwetlho ya tsatsi le letsatsi ya go thusa batswana.
A tswelela ka go ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go itse fa ba tlhokomela selo se se botlhokwa fela thata e bong lefatshe e bile ba dira se mo boemong jwa Batswana.
Rre Leo o ne a tswelela ka go ba tlhalosetsa gore ‘’setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata ‘’ a bua gore go tlhokomela lefatshe ese selo se se motlhofo se ba ka se kgonang bale nosi.
A bua gore ba dirisane le maphata a mangwe a ba rotloetsa gape go bereka thata le dikgosi gore ba tle ba kgone go nna le tshomarelo ya lefatshe ee motia.
A tlhalosetsa badiri ba basha gore ka nako tsotlhe ba ikanyege le go nna le boammaaruri mo tirong.A bua fa batswana ba sa kgotsofalele tsamaisa ka nako yotlhe ka ba nna ba ngongorega kafa lefatshe le abiwang teng gore ga se kafa tsamaisong.
Rre Leo o ne a ba gakolola go bereka le Batswana ka boammaruri le go ikgapha mo go tsa tshenyetso setshaba ka batswana ba nna bare ga ba thusiwa sentle ebile badirela puso ba sa dirise dilo tsa puso sentle.
Ene yare fa a konetlelela puo ya gagwe a ba tlhalosetsa fa lefatshe le seo a ba rotloetsa go le somarela sentle ebile bale boloke.
Rre Babitseng modulasetilo wa kabo ditsha mo Kweneng o ne a ba kopa gore ba leke go nna phepa ka nako yotlhe, ba ikgaphe mo go tsa go senyetsa setshaba gore e tle ere ba tswa mo tirong ba bo ba tshephega ebile ba tlotlega mo matlhong a setshaba.
A re ka go direng jalo ga e kake yare ba sena go tlogela tiro ere fa ba bona lepodisi le feta ba bo ba tshoga gore ba tlile go sekisiwa kana go tlhotlhomisiwa go senyetsa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Margaret Motswana
Location : MOLEPOLOLE
Event : Thuto puisanyo
Date : 29 Apr 2014