Breaking News

Ba le bararo ba tlhokafetse

29 Apr 2014

Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone borre ba le bararo ba tlhokafetseng, fa a le mongwe a bone dikgobalo tse di masisi. Kotsi e e diragetse ka Sontaga (April 27) mo maitseboeng ka nako ya bone.

Ramapodisi a Letlhakane, Superintendent Robert Mack o supile fa borre ba, ba ne ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Corolla.

A re ba ba tlhokafetseng mo kotsing eo ke borre ba dingwaga tse di masome a mabedi le bofera bobedi (28), masome a mararo le bobedi (32) le masome a mararo le bone (34), fa yo o bonyeng dikgobalo tse di masisi a le dingwaga tse di masome a mararo le bongwe (31) mme a robaditswe kwa sepateleng sa Nyangabwe kwa Francistown.

Supt Mack a re go lebega fa mokgweetsi a ne a leka go feta combi e e neng e le fa pele, mme a thula combi mo leotwaneng le le fa morago, mme a latlhegelwa ke taolo, a bo a ya go thula teraka e e neng e le fa pele ga combi.

Rre Mack a re go belaesega fa mokgweetsi wa koloi eo a ne a kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo. Kotsi e e diragetse mo tseleng ya Letlhakane/Francistown fa gare ga sekolo sa Boteti Brigade le Mikelele Motel.

Supt Mack o supile fa mokgweetsi wa combi le wa teraka ba sa bona dikgobalo dipe mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse.

Superintendent Robert Mack a re ba kopa setshaba go ela thoko matshwao a tsela le go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang. A re ba tshwenngwa thata ke dikotsi tse di diragalang fa gare ga motse ka dipalo tse di kwa godimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Precious Bonang

Location : LETLHAKANE

Event : Pego ya mapodisi

Date : 29 Apr 2014