Badirelapuso ba ngongoregela ditlamelo
29 Apr 2014
Badirelapuso ba ba direlang kwa Shoshong ba ngongoregile mo mopalamenteng wa kgaolo eo, Rre Phillip Makgalemele, ka letlhoko la boroko le tlhaelo ya metsi.
Ba ntshitse dingongorego tse mo phutlhegong e ba neng ba e kopanetse le Rre Makgalemele. Ba ne ba lekodisa mopalamente ka ditiro tsa maphata a bone le dikgwetlho tse ba kopanang natso fa mopalamente ene a ne a ba lekodisa ka dikgang tsa palamente e e fetileng.
Ba boletse mo phutlhegong eo gore letlhoko la boroko le pateleditse badiri bangwe go tlheogelela kwa Shoshong ba tswa Mahalapye fa tlhaelo ya metsi e kgoreletsa dithuto tsa bana mo dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane ka jaana ka dinako dingwe baithuti ba patelesega go itlhomela mo sekgweng.
Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tlhaelo ya dibuka mo dikoleng tse dipotlana,tlhaelo ya matlwana a borutelo mo sekoleng sa Kgamane,go utswa ga dithoto ditshwana dibala-makgolo mo dikoleng,tiego ya go ntshafadiwa ga matlo a boroko le matlwana a borutelo le tlaelo ya dipalamo mo maphateng a puso.
Ba tsweletse ka go tlhalosetsa mopalamente fa badiri ba lephata la matlhoko a loruo ba tsweletse ka go aga megotlha mo kgaolo le go jesa dikgomo OMANG. Ba kopile Rre Makgalemele go kopa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go ba agela motshelakgabo o batho ba ka o dirisang go kgabaganyetsa noka kwa sekoleng se sebotlana sa Shoshong ka jaana ka dinako tsa dipula bana bas a kgone goya sekoleng.
Mabapi le go isiwa ga bana ba tirelosetsba bale 238 kwa kgaolong ya Shoshong ba tlhalositse fa seo se tla thusa thata mo maphateng a ntseng a tlhaelelwa ke bodiredi.
E rile Rre Makgalemele a bakgwa dikgaba a supa fa mmuso o tshwentse ke badiri bangwe ba ba gogang dinao go thusa Batswana ka namaneo a ISPAAD,LIMd,CEDA, nyeletso lehuma le la Young Farmers Fund a puso e ikaeletseng ka one go tokafatsa matshelo a Batswana.
Mabapi le tlhaelo ya boroko o boletse fa puso e dumelane mogopolo wa go letelela Batswana go adima madi mo dibankeng go aga matlo a ba ka a hirisetsang puso go nna badirelapuso.
O tsweletse ka go kgalela badirelapuso go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla tse di buisiwang ke mapalamente le mororo ele bone ba tshwanetseng go thusa neela setshaba dikarabo tse di amang maphata a bone.
A re dingwe tsa dikgang tse a sa kgonang go di araba o tla di fitisetsa kwa baokameding ba maphata goya go rarabololwa. Rre Makgalemele o iteetse badiri badirelapuso ba kgaolo ya gagwe lotsogo ka go direla setshaba ka bokgabane le boineelo le mororo ba lebanwe ke dikgwetlho tsa tlhaelo ya boroko le tlhaelo ya metsi.
Rre Makgalemele o bioletse fa ikaelela go ema nokeng mogopolo o beilweng palamente pele ke mopalamente wa kgaolo ya Okavango Rre Bagalatia Aron o kopang puso go neela badirelapuso bontlha bongwe jwa diphenshene tsa bone gore bakgone go itshimolole matshelo.
Bagolwane ba koporase ya Water Utilities Rre Tshito Babusi le Rre Kutlo Kgoberego ba tlhalositse fa seemo sa tlhaelo ya metsi kwa metsing ya Mahalapye,Shoshong,Kalamare le Bonwapitse e bakwa thata ke go thubega ga diphaephe tse di goghang metsi gotsweng kwa letlamong la Letsibogo le go kgaoga ga motlakase kgapetsa-kgapetsa kwa didibeng tse di nosanmg metse eo kwa Palla road.
Rre Babusi le Rre Kgoberego ba boleletse batsena phuthego eo fa mmuso o abetse lephata la meepo kgotletso le metsi madi a tla dirisiwang go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi ka go oketsa lekadiba le le beelang metsi kwa Morale,go aga tlanka ya bobedi kwa Kalamare le go le go emisetsa duiphaephe tse dikgologolo kwa Kalamare le Mosolotshane gtse bar eng gole gantsi ke tsone tse di dutisang metsi.
Ba kopile badirelapuso gammogo le batho ba kgaolo ya Shoshong go dirisa metsi ka keletlhoko le go emisa mokgwa wa go siela diruiwa metsi a diretsweng go nowa ke setshaba ka seo sele kgatlhanong le molao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 29 Apr 2014