Breaking News

Kedikilwe o akgola balemi ba Tlokweng

29 Apr 2014

Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe o akgoletse balemi ba Tlokweng go nna le seabe mo go direleng lefatshe leno dijo.

Dr Kedikilwe, yo o neng a etetse balemi ba ba botlana ba kgaolo ya Tlokweng bosheng, a re le fa go lengwa masimo a mabotlana mo kgaolong eo, balemi ga ba a ka ba kgobega marapo mme ba tswelela ba tsenya marapo dinameng.  

O rotloeditse balemi go tswelela fela le fa go na le dikgwetlho jaaka mhero le go senngwa ga dijalo ke diphologolo. O ne  a ba kopa gore ba sole molemo go nna gaufi ga bone le toropo kgolo Gaborone le fa a itse dikgwetlho tse di bakilweng ke gone go nna gaufi le toropo kgolo.

Mothusa Tautona  o boletse gore go nna le seabe ga bone mo go ntsheng dijo mo lefatsheng leno go tlaa dira gore Botswana a kgone go ijesa. A re lefatshe leno ga le kake la kgona go ikaega ka mafatshe a le bapileng le lone gore a le direle dijo.

O boletse gape gore go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno,  go rontsha balemi go tlhabolola temo. A re go na le sebaka se sentle sa go tlhabolola temo  mo lefatsheng la morafe, a tlatsa ka go re balemi ba ka reka didirisiwa tsa temo jaaka diterekere go itlhabolola. 

Mothusa Tautona o boletse gore go tlhabolola mhama wa temo-thuo go ka tlhama mebereko le go nyeletsa lehuma.  Dr Kedikilwe o ne gape a rotloetsa balemi go inaakanya le temo ya segompieno gore ba bone thobo e e botoka. 

Erile Kgosi Puso wa Batlokwa a mo kgwa dikgaba, a lebogela loeto lwa gagwe  a re lo tiisitse balemi moko. O solofeditse gore morafe o tlaa dira mo o ka go kgonang go tlhabolola matshelo a one. 

O boletse gore morafe o tlhomile lekgotla la ditlhabololo  e bong Batlokwa Development Trust go thusa go neela morafe dithata tsa itsholelo tse di tlang ka temo-thuo. 

Mongwe wa balemi, Rre Abel Katse o ne a bolelela Mothusa Tautona gore thulaganyo ya ISPAAD e tlhabolotse temo-thuo mo kgaolong eo. 

A re balemi ba le 331 ba lemile diekere di le 871 a ba a re bontsi jwa bone ba di jetse ka ditselana. 

A re ba lebaganye le dikgwetlho di tshwana le go jelwa ke diphologolo, mhero le tlhaelo ya masimo a a ka lengwang. Balemi ba bangwe ba ne ba ngongorega ka masimo a a sa lengweng le ba ba utswang mo masimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Apr 2014