Breaking News

Ba rotloeditswe go dira bo Omang

28 Apr 2014

Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima,  Rre Mephato Reatile o boleletse banni ba metse ya Thankane le ba Samane gore puso e phimotse sekoloto sa go dira karata ya Omang le matsalo morago ga nako.

A re se se diretswe go rotloetsa batho botlhe gore ba nne le ditlankana tse di ba supang gore ke bo mang ka di le botlhokwa mo matshelong a bone. Rre Reatile o buile jalo bosheng fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e, tse maikaelelo a tsone e neng e le go lekodisa morafe ka dikgang tsa palamente le go tsaya megopolo ya bone.

O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Thankane le Samane go supagetse fa batho ba le masome a ferang bobedi le boroba bobedi ba ba nnang mo dipolasing ba santse ba sena bo Omang, mme a rotloetsa gore batho ba go nna jalo ba tseye bo Omang.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a  dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse  eo go tla ka methale e e tla a tlhabololang metse ya bone, a tlhalosa fa Ipelegeng e le lengwe la mananeo a morafe a ka a dirisang go itshetsa le go inamola mo lehumeng.

E rile a ntsha la gagwe, Mme Dineo Petso wa Samane a bolelela mopalamente gore bagodi ba batlhoki ga ba akole dijo tsa mophako gammogo le madi a bone ka di tsewa ke batlhokomedi ba bone. A re se ke mangomolapelo ka gore e nna ekare puso ga e tlhokomele batho ba go nna jaana.

O ne a kopa mopalamente gore kgang e, e salwe morago gore go nne le tharabolo ka jaana selo se ele go senyetsa setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keabetswe Gobatlwamang

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Apr 2014