Ba tshwaretswe polao ya motho
27 Apr 2014
Mogolwane wa mapodisi a Shoshong, Superintendent Gaontebale Matlhonse a re ba tshwere banna bangwe ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bobedi le masome a mararo le bone, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna mongwe wa Mahalapye.
A re banna ba babedi bao, ba tshwerwe kwa masimong a Kgwamathe morago ga gore ba keteke monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi ka mabole go fitlhelela a tlhokafala, fa ba ne ba le kwa maitisong a dino kgwedi eno ele masome a mabedi.
Superintendent Matlhonse o boletse gore ba belaelwa bao, ba ba santseng ba tshegeditswe, ba tla isiwa kwa kgotleng ya ga mmakaseterata mo malatsing a makhutshwane go ya go lebisiwa molato wa polao, fa serepa sone se isitswe Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
Kwa Palapye, mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basadi ba le babedi ba neng ba bolawa ke monna mongwe kwa masimong a Bikwe ka malatsi a paseka.
Superintendent Maupong wa Palapye o boletse gore mmelaelwa o dirisitse selepe go bolaya nkukuagwe le mosadi wa ga malomaagwe, mme direpa tsa bone di tseetswe kwa kokelong ya Palapye go tlhatlhojwa ke dingaka, fa mmelaelwa ene a santse a le mo diatleng tsa mapodise. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHOSHONG
Event : Potsolotso
Date : 27 Apr 2014