Breaking News

Motlakase o tla phatlaladiwa

27 Apr 2014

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe, a re go tla dirwa phatlalatso ya motlakase kwa mafelong mangwe mo Molepolole  a  a neng a sena one, mme e bile  batho  ba tla lopiwa P5 000 go o gokela mo malwapeng a bone.

Mopalamente o buile seo kwa phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Lephaleng, a akgela mo matshwenyegong a batho ba kgaolwana eo a gore ditlhwatlhwa tse ba di lopiwang ke ba koporase ya motlakase di kwa godimo fela thata ka jaana ba le kgakala le kwa motlakase o leng teng. 

A re dikgaolwana  jaaka Lekgwapheng le tse dingwe tse di  ntseng di le ka fa mosing jaanong di tla solegelwa molemo ke go phatlaladiwa moo ga motlakase. Mo go tse dingwe, batho ba kgaolo eo ba ngongoregile mo mopalamenteng wa bone ka bodirela-puso jo bo sa direng tiro ya jone sentle.

Ba tlhalositse fa ba fetwa ke mananeo a puso ka ntata ya thuso e e loleya ya bodirela- puso, mo le banana ba kgaolo eo, ba sa  bone dithuso tsa lenaneo la banana. Ba  tsweletse ba tlhalosa fa  lenaneo la nyeletso lehuma le ba iteetse kwa ntle ka gotwe ba nale bonno le ntswa go sena sepe  se ba itshetsang ka sone.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi, Mme Boitumelo Kgaodi, a re, ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi mo mafelong mangwe a Molepolole a santseng a tshelela mo lenyoreng  ka go baakanya didiba tse di kwa Malwele .

Ka seemo sa metsi a senyegang ka ntata ya go thubega ga dipompo tsa metsi mo motseng, a re, ba itse ka seemo seo mme mathata ke go tlhaelelwa ke dikoloi go ya kwa mafelong otlhe a amegang.

Mme  Kgaodi o tsweletse a kopa setshaba gore se seka sa ba felela pelo ka go ba itsise ka mathata ao.

Mme Kgaodi o bile a tlhalosetsa morafe fa seemo sa mealo ya diphaephe tsa metsi mo Molepolole e setse ele megologolo mo jaanong diphaephe tse di adilweng kwa tlase ga lefatshe di  tshabelelwang ke go thubega,  mme a tlhalosa fa go batla madi a mantsi go tsenya tse disha.

O tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke batho bangwe ba ba senyang diphaephe tsa metsi ka maikaelelo a go nosa leruo la bone. A re, yo a tla bonwang a dira jalo o tla di gama a sa ditlhapela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2014