Banni ba rutwa ka ipalelo tseleng
27 Apr 2014
E ne yare bosheng komiti ya Letlhakane ya ipabalelo tseleng ya Boteti e tshwaraganye le moepo wa diteemane wa Karowe ba rulaganya thuto-seka-dipuisano ya go tsibosa setshaba ka ipabalelo tseleng.
Mongwe wa dibui ka letsatsi leo, Rre Joseph Thokweng mogolwane wa moepo wa Karowe o tlhalositse gore ba rulgantse tiro eo ba tshwaraganye le lephata le dipalamo, ditsela le ipabalelo tseleng, ba sepodisi sa Botswana le ba lekalana la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) ka go lemoga fa setshaba se tsweletse ka go nyelela mo dikotsing tsa tsela seemo se dirang gore lefatshe le latlhegelwa ke badiri ba tlhwatlhwa.
Rre Thokweng o gakolotse ba tsamaya ka dinao go nna le boikarabelo ba tlhomamisa gore ba obamela molawana e e laolang tiriso ya tsela.
Rre Thokweng a tswelela a tlhalosa gore mokgweetsi le ene o nale boikarabelo jwa go emela mo tsamaya ka dinao, le fa a kgabaganya fa go sa tshwanelang teng go babalela botshelo.
O tsweletse a tlhalosa gore bakgweetsi ba tshwanetse go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse pele ga mosepele, go itsa dikgoga-kgogano le ba sepodisi ko pele a supa gore dikotsi dingwe tse di gapang matshelo a ba ba tsamayang ka dinao ke ka mabaka a gore koloi e abo e sa itekanela.
O tlhalositse gore tiro ya moepo ke kgwebo ka jalo ba tlamega go bereka bosigo le motshegare, ka jalo are dikoloi tsa bone di nna di le mo tseleng ka nako tsotlhe mme mo mabakeng mangwe ba patelesega go tsamaya ka lebelo le le kwa godimo gore tiro e direge ka bofefo mme are seemo seo se ka baka kotsi.
Mogolwane wa moepo wa Karowe o tsweletse a supa gore, go tla go dira kgwebo mo Boteti e tshwanetse ya nna selo se se amogelesegang e seng sekgoreletsi kana sengwe se se ka kgotlelang tikologo, a bolelela fa maikaelelo a bone e le go tsosolosa kgaolo potlana ya Boteti, gore sehularong sa bone, ba gopolwe ka ditiro tse dintle.
Are ka jalo ba bonye gole botlhokwa go nna le seabe mo ditirong tse di itebagantseng le go somarela matshelo a batho jaaka ipabalelo tseleng.
Mookamedi wa mapodisi a laolang motsamao wa dikoloi mo kgaolong ya potlana ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo o supile gore mo ngwageng wa 2013, dikotsi tse di diragaletseng tikologong ya motse wa Letlhakane di gapile matshelo a batho ba le lesome le bofera bongwe (19), fa ba le masome a matlhano (50) ba bone dikgobalo tse di masisi.
Supt Khumo are mono ngwaga go tlhokafetse ba tsamaya ka dinao ferabongwe (9).
Rre Khumo a re o gakgamadiwa ke dikotsi dingwe tse di diragetseng mo motseng wa Letlhakane ka gore di gapile matshelo a batho mo malwapeng.
“Motho o kgona go tlhokafala a le mo ntlong ya gagwe, kana motho a gatiwa ke koloi a ntse mo meriting wa setlhare mo lwapeng.”
O supile gore ditshekatsheko tse ba di dirileng di supa fa batho ba tlhokafala ba le bantsi ka mafelo a beke.
One a umaka gore fela jaaka bakgweetsi, ba ba tsamayang ka dinao le bone ba nale tsetlana ya melao e ba tshwanetseng go e obamela.
A re ba ba tsamayang ka dinao ba tshwanetse ba tsamaele kgakala le tsela ya dikoloi, mme a e atumele fela a ipaakanyetsa go kgabaganya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Motlatsi Matsididi
Location : LETLHAKANE
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 27 Apr 2014