Breaking News

Tiro ya diatla e a busetsa

27 Apr 2014

Mme Kedirileng Manja o utliwile sentle puo ya motlapele ya gore phokoje go tshela yo dithetsanyana.

Mme Manja, yo a itsegeng ka go bidiwa K.D, ke mongwe wa banana ba kgaolwana ya Matlapaneng yo o dirisang nako, bothakga le kitso ya gagwe go loga dibaga le tse dingwe go di rekisa.

O tlhalositse mo potsolotsong gore tiro eo, o e simolotse ka ngwaga wa 2007, mme a re le fa go ne go sena thotloetso e e nametsang o ne a itlama letsatsi le letsatsi gore a tsweledise tiro ya gagwe ka lerato le bopelotelele.

A batho basweu ke bangwe ba ba mo rotloetsang ka ba reka ka dipalo tse di kwa godimo mme o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bothata jo a tshwaraganeng le jone ele go tlhoka ipapatso e e lolameng.

“Go ipapatsa ga go nametse ka ke ikemetse ka bonosi, mme go nna botoka fela mo pakeng ya mariga mo ngwageng, ka ke yone nako e bajanala ba tlang mo lefatsheng leno ka bontsi.”

Mme Manja a re o utlwisiwa botlhoko ke banana ba ba mo kgaolwaneng ya gagwe ka ba tsaya nako ya bone e ntsi ba e dirisa mo ditaging ebile ba sa tseye matsapa a go batla ditiro go bereka.

O ne a tlhalosa fa mongwe le mongwe a na le kitso e e faphegileng, mathata ke gore banana ga ba na tirisano mmogo le kgatlhego ya go dira sepe.

A re banana ba tshwanetse ba tshwaragane, ba dirisane go dira tiro mmogo le go tswa ka maano a ba ka itshidisang ka one, gore pharologanyo mo matshelong a bone e bonale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jennifer Merafe

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Apr 2014