Breaking News

Mogolwane o akgola balemi

27 Apr 2014

Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, Mme Pelontle Seabe o akgoletse balemi ba kgaolo ya Mahalapye le Shoshong go dirisa lenaneo la ISPAAD go lema ditema dile 18 079 mo letsemeng la 2013/2014.

Mme Seabe o boleletse mo potsolotsong gore mo ditemeng tseo, di le 6 460 ke tse di lemilweng ka ditselana, go dirisiwa lenaneo la ISPAAD le puso ele dirisang ka maikaelelo a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng.

A re lefa batho ba kgaolo ya Mahalapye le Shoshong ba lemile ka bontsi e bile dijwalo tsa bone di kgatlhisa, sebe sa phiri ke dipula tse di dikileng di tsorotlile mo dikgaolong tseo ka jaana di sentse dijwalo ka bontsi jaaka dinawa le mabele mo dingwe tsa tsone di leng dintsho.

O boletse fa mathata mangwe a balemi ba kopaneng nao ele dinonyane tse di neng di tlhasetse balemi ba masimo a Taupye, Mahalapye, Shoshong, Kodibeleng le Poloka gammogo le mhero o neng o hupetsa dijwalo mo masimo.

Mme Seabe a re lefa masimo mangwe a aperwe ke mhero le dinonyane, gone batho ba tla dika ba orile molelo wa mariga ka jaana ba kgonne go lwantsha dinonyane tseo ka go di bolaya ka botlhole le go kgothatsa balemi go lwantsha mhero mo masimo gore dijwalo di kgone go itsetsepela.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa balemi bangwe ba kgaolo ya gagwe ba tsweletse ka go rekisa dijwalo ditshwana le magapu, mmidi, ditloo le ntshe mo metseng e megolwane jaaka Mahalapye, Shoshong, Mookane le Machaneng, mme a bolela fa seo se tla dira gore balemi ba kgone go imona menwanwa mo temong ya bone.

A re o kgothatsa balemi ba kgaolo ya gagwe go ipaakanyetsa ditshupo tse di tlang tsa temo thuo ka mmetela go ya go supa disupiwa tsa bone ditshwana mabele, mmidi, dinawa, ditloo, letlhodi, maphutshe, marotse le lengangale kana mpale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 27 Apr 2014