Breaking News

Ba kopa gore Good Hope e nne kgaolo e e tletseng

24 Apr 2014

Molaodi wa kgaolo ya borwa, Rre Moses Gaealafswe a re puso e mo romile go rolela Bangwaketse kgang ya gore  Barolong ba eletsa gore kgaolo potlana ya Good Hope e tsholediwe go nna kgaolo e e tletseng.

Rre Gaealafswe o boletse  mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse ka Laboraro, Moranang a tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro.

A re kgang e ga se lantlha e buiwa, o supile fa e builwe gantsi mme e tsile fa pele ga puso la bofelo ka ngwaga wa 2010, a bo a re, kgaolo e ya borwa e nale dikgaolo potlana di le nne , eleng  Mabutsane, Moshupa, Good Hope le Kanye Adminstration Authority, tse tsotlhe di okametsweng ke khansele ya Borwa.

A re kgaolo potlana ya Good Hope e akaretsa metse ya bo Sekhutlane, Metlobo, Mmathethe, Mokgomane le e mengwe. O tsweletse a re mo kopong e e beilweng puso pele ke gore kgaolo potlana e e tsholediwe maemo ka melelwane e e teng mo nakong ya gompieno.

Rre Gaealafswe a re go ne ga bidiwa kgosi kgolo wa Bangwaketse le wa Barolong ga bo ga bidiwa mokwaledi wa khansele le molaodi go  rerisiwa ka kgang e. A re o dumela gore bagolo ba motse ba itse melelwane ya bogosi jwa Ga-Ngwaketse le jwa Borolong ka e bile ke melelwane e e kwadilweng.

O tsweletse a re tsamaiso ya bogosi le lekgotla la kabo ditsha ga di na di fetolwa, a bo a re ba ba neng ba isitse kopo ba re, gongwe se, se ka tlhofofatsa ditirelo.

Rre Gaealafswa a re, fa ngwaga o simolola go nna le kabo ya madi mme go akarediwa kgaolo ya Borwa, jaanong ba  kgaolo potlana ya Good Hope ba ne ba tla nna le a bone ba le bosi.

Fa ba mokgwa dikgaba, batsena phuthego ba ne ba supa fa ba sa dumalane le gore kgaolo potlana ya Good Hope e ka tsholediwa maemo.

Rre Pontius Mokgosana a re ene o belaela go nale se se fitlhwang. O tsweletse a re, o belaela se, ka gore ga a kake a tewa gatwe Ga-Ngwaketse o feta Goo Tawana le Ga Mmangwato, a bo a re o ipotsa gore tota matsapa di a tsaya kae.

Rre Mpho Kenosi e ne a re, go bolelwe gore kgang e e fitlhilweng ke eng ,a tlatsa ka gore motho yo o fitlhang kgang e, a buiwe ba mo  itse.

A re, puso ya gompieno e bosilo ga e tshwane le ya botautona ba pele bo Sir Seretse Khama le bo Sir Ketumile Masire, a re ya gompieno e tletse ditaelo.

O tsweletse a re, fa go buiwa ka ditlamelo, ke eng go sa buiwe ka sepatela,  a bo a re, golo mo fa go ka dirwa go ya go tsosa ntwa.

A re, ke eng go sa neelwe Bakalaka, Batswapong le Babirwa ba ba latelang ditlamelo kgakala, a re mo, ke go losa Batswana fela.

Rre David Maswabi  ene o rile, ga a dumele gore melelwane ya bogosi ga e na go senngwa, a re go botoka fa go ne gotwe babereki ba re ga ba kgone, a bo a re mme le gone kana fa motho a sa kgone tiro go botoka a tlogela.

Rre Maswabi a re, o belaela gore sepolotiki se mo teng ga kgang e, a re o dumela gore go lebilwe gore go direlwe mongwe kgaolo, a tlatsa ka gore Bangwato ba sale ba ikuela gore ba pitlagane,mme ga  ba reediwe.

A re, jaanong o ipotsa gore ke eng Barolong bone ba tsibogelwa, a bo a re Goodhope/Kanye ke nko le molomo, go nale motho a tswa Serowe a ya Tutume/Makalamabedi. A re, e le Bangwaketse ga ba eletse go nna ka fa tlase ga Barolong, a re le gone ga ba batle go nna le bangwe ba bone ba ba  ka isiwang kwa bogosing jwa Borolong.

Rre Kebatshabile Wakgomo e ne a re, sepolotiki se gaketse se nyeletsa Ga-Ngwaketse, a re mme ga ba dumalane le kgang e ya gore Goodhope a tsholediwe.

Botlhe ba ba akgetseng ba re, fa kgaolo potlana e, e tsholediwa go seka ga tsenngwa metse ya Ga-Ngwaketse mo go yone, e eme e le nosi.

Bangwe ba ne ba kopa Kgosi Malope II go ntsha lekoko la bana ba Ga-Ngwaketse go ya  kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae go isa mokwalo wa ngongorego.

Moemela kgosi yo mogolwane Rre Goboletswe Ketsitlile o ne a re, o ganetsa kgang e e reng go direlwa ditlhabololo ka gore, fa motho e le moabi, o itse bana ba gagwe mme a ba abele ka bokete jwa bone. Rre Ketsitlile a re, o itumeletse gore kgang e, e tsene mo Bangwaketseng ka e ntse e buelwa mo matlong e bile gotwe go nale batho bangwe ba ba e ganang.

A re, gompieno e ganwa ke bone Bangwaketse ka sebele.

Mothusa kgosi Rre Kebatse Telekelo ene o ne a dumalana le gore go rongwe bangwe, a bo a kopa  kgosi-kgolo gore a e go bona tautona ka sebele.

Rre Telekelo  a re, o tshoga gore a ga nke e re morago go bo go tswa taolo, a re gape o gakgamadiwa ke gore kgaolo potlana e e bo e bidiwa Goodhope ntswa e le fagare ga magosi a mabedi.

A re, tota ka fa tshwanelong e kabo e le yone e e bidiwang khansele ya borwa jaaka ya Borwa Botlhaba e a reng e biditswe jalo ka gore e fagare ga magosi a mabedi ebong Balete le Batlokwa.

A re, ke sone se se dirang gore motho yo mongwe a bo a tsaya gore ke ya gagwe e bile a batla gore e ka tsholediwa maemo, a re, se ke go patika kgosi kgolo.

Fa a kgwa morafe wa gagwe dikgaba, Kgosi Malope II o ne a re, o dumalana le ba ba reng go kwalwe, a bolela fa ba kile ba bidiwa  ke tona mme ka fa ba neng ba bua  kgang ka teng o ne a tsaya gore e fedile.

Kgosi Malope II  a re, puso e batla go losa Batswana. O tsweletse a re , kana kgang e ga e tle go ama Bangwaketse le Barolong fela.

A re, Barolong ga ba molato ba ka  tsholelediwa kgaolo, a bo a re puso e tla bona gore e ba direla jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Apr 2014