Palo ya ba ba ikwadisitseng e kwa tlase
24 Apr 2014
Go bolelwa fa palo ya batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e le kwa tlase mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba.
Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho, Rre Dintle Rapoo, kwa Mmathubudukwane bosheng.
Rre Rapoo o tlhalositse fa dipalo tsa ba ba neng ba ikwadisitse ditlhopho ka ngwaga wa 2009 mo kgaolong eo, go supagetse fa di ne di le kwa godimo thata fa go tshwantshanngwa le tsa gompieno.
A re ka 2009, kgaolo eo e ne e le nngwe ya tse di neng di di goga kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisitseng, a kaya fa ba ne ba le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara.
Rre Rapoo o kopile banale-seabe go rotloetsa ba ba sa ikwadisang go ya go ikwadisa mo ikwadisong ya tlaleletso e e tla tshwarwang kgwedi ya Motsheganong e rogwa, e a tlhalositseng fa e tla tsaya malatsi a le lesome le borobabobedi fela.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba ba ikemetseng ka nosi, ba go tlhwaelesegileng ka leina la mekoko, dipalo tsa bone di le kwa godimo fela thata. A re, mapalamente a 20 fa makhanselara a le 198, a supa fa dipalo tseo di godile fa go tshwantshanngwa le tsa 2009.
Rre Rapoo a re, go ikemela ka nosi go a letlelelwa, a tlatsa ka gore se ba ka se dirang ke go kwalela ba ofisi ya ditlhopho ba bo ba tlisa le sekano sa bone.
O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke kgang e mo go yone batlhophi ba ikwadisang gantsi fa ba latlhile dikarata tsa bone, a fa sekai ka mongwe kwa kgaolong ya botlhaba ka 2009, yo a tlhalositseng fa a ne a ikwadisitse mo mafelong a a farologaneng a le lesome le botlhano.
A re, tsamaiso ke gore fa motlhophi a latlhile karata, o ikgolaganya le ba ofisi ya bone go ya go direlwa moriti o mongwe wa karata, go nale gore motho a ikwadise gantsi. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa batlhophi go somarela dikarata tsa bone.
O ne gape a gatelela kgang ya go fudusa ikwadiso, a supa fa seo se le ka fa molaong, a tlatsa ka gore kgang eo e ama babereki thata. A re, fa motlhophi a ne a ikwadiseditse kwa lefelong le sele, mme a eletsa go fudusa ikwadiso, o ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho kwa a eletsang go ya go tlhophela teng, ke bone ba ba ka mo thusang.
Rre Rapoo o kopile batlhophi go ntshafatsa dikarata tsa bone tsa Omang, a supa fa thulaganyo ya ditlhopho e ikaegile ka karata ya Omang.
O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka mapolotiki mangwe a a kaileng fa ba nale mokgwa wa go utswa batlhophi kwa dikgaolong di sele go ba tlisa mo dikagolong tsa bone go tla go ba tlhopha, mme a supa fa seo e le molato. O ba kopile gore a seo se seka sa nna teng, a tlhalosa fa e tla bo e le go baka dikgoberego. O ba kopile gape go ilelela ditlhopho.
Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di sa babalesega mme ba kopa ba ofisi ya ditlhopho go dira dithulaganyo le badirela-puso ba ba mo dikgaolong ka go farologana, ba a fa sekai ka bagokgo le mapodise gore e nne bone ba ba tshwarang dibuka tseo fa ba ba kwadisang ba golola maitseboa mangwe le mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Apr 2014