Ntebele ke go lebele e botlhokwa
24 Apr 2014
Ramapodisi wa kgaolo potlana ya Tutume, Superintendent Jerry Halahala, o rotloeditse mowa wa tirisano mmogo ka go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele, segolo bogolo mo badirela pusong.
O buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa gore go ne ga thujwa matlo a le mabedi a badirela-puso ka malatsi a paseka, ga ba ga utswiwa dithelebishine di le pedi.
A re, ga ba ise ba tshwarwe ope mabapi le ditiragalo tseo, mme ba santse ba le mo ditlhotlhomisong. Mo dikgannyeng tse dingwe a re ga ba a ka ba gatisa dikgang tsa dipolaano le tsa dikotsi tsa tsela.
Rre Halahala o akgotse Batswana go nna le boitshwaro jo bontle joo, a re ba tswelela ka go godisa mowa o montle oo. O kopile setshaba go tshwaya dilwana tsa bone ka sengwe se batla a kgonang go se supa fa se utswilwe.
A re, ntebele ke go lebele ke yone tsela fela e e ka thusang, bogolo jang mo badirela-pusong ka ba itse gore fa ba tsaya loeto kana ba ya malatsing a boitapoloso, ga go na ope yo o tlhokomelang matlo a bone.
Rre Halahala a re , go thapa badisa-dikago ba nakwana, le gone go ka thusa fela thata kana go kopa mongwe go sala le ntlo ka nako ya fa mong a seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 24 Apr 2014