Melato ya go thuba dikgwebo e tlhwaafetse
23 Apr 2014
Mmakasetera wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda a re, melato ya go thuba dikgwebo ke mengwe ya melato e e tlhwaafetseng go ya ka molao wa Botswana, e bile e atile mo e tla felelang e gomagometsa go digela itsholelo ya lefatshe kwa tlase.
Rre Sibanda a re, fa dikgwebo di thukuthiwa, ga go amege beng fela, mme le babereki ba latlhegelwa ke mebereko ka go le gantsi dikgwebo tseo di felela di tswalwa, a tlatsa ka gore basekisiwa ba tshwanetse go gagamalediwa dikgato go romela molaetsa kwa go ba bangwe ba ba nang le dikakanyo tsa go senya.
O buile jalo ka Labobedi (Moranang a tlhola malatsi a a masome mabedi le bobedi) fa a atlhola, Lesang Moloko le Moses Dikago ba dingwaga tse di masome a mararo le masome a mararo le boferabobedi ka go latelelana, botlhe ele ba kgotla ya Difetlhamolelo mo Molepolole, dingwaga tse tlhano mo kgolegelong, ka molato wa go thuba ba bo ba utswa dithoto tsa tlhwatlhwa ya P12 500 mo lebenkeleng la Mesamy Fabrics mo Molepolole.
Ba bosekisi ba tlhalositse fa e ne yare kgwedi ya Moranang ele malatsi ale matlhano ngogola ka nako ya lesome mo bosigong, basekisiwa ba thuba ba bo ba utswa P500, matsela a a farologaneng a tlhwatlhwa ya P9 250, sebala-makgolo se se duedisang sa tlhwatlhwa ya P2 500 le welese ya tlhwatlhwa ya P250.
Sub Inspector Tshiamo Montshiwa wa sepodisi sa Molepolole, o boletse fa dithoto tseo tsotlhe di bonwe kwa ntle ga madi.
Fa a ipobola, Moloko yo ba bosekisi ba supileng fa a kile a bonwa molato ka ngwaga wa 2003, ele wa go betsa abo a gobatsa mme a atlholwa dithupa di le tharo, a ne a kopa lekgotla gore le mo sekasekele katlholo. O tlhalositse fa a nale ngwana yo o dikgwedi di le pedi mme a sa anye lebele, a tlhalosa fa losea loo le mmaalo, ba santse ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe.
Dikago ene o ne a ganetsa ba bosekisi ka molato o ba neng ba o ntsha kgatlhanong nae, wa gore o kile a bonwa molato wa go thukutha ka dikgoka ka ngwaga wa 1989 mme a atlholwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. O rile,“Ga ke tlhaloganye ka molato oo sa tswang go bolelwa kgatlhanong le nna ka gore ke ne ka ikuelwa kwa lekgotla tshekelo le legolo mme ka gololwa mo molatong. Ke ipotsa gore a ba bosekisi fa ba o neela lekgotla jaana a ga ona go mpaya ka fa mosing fa katlholo e ntshiwa.”
Mmakasetera Sibanda o ne a kopa Dikago go ipobola mme a re, o kopa gore katlholo e lekgotla le e ntshang le mo letle go direla ale kwa ntle ga kgolegelo, a tlhalosa fa malatsi ale lesome le bone a a ntseng kwa kgolegelong a ne a sa tseege sentle ka go le mosuke.
Rre Sibanda o tlhalositse fa a sekasekile boipobolo jwa basekisiwa mme a re, mongwe le mongwe wa bone o tla ya kgolegelong lebaka la dingwaga tse tlhano mme go seegetswe fa thoko tse pedi go lebeletswe gape gore basekisiwa ga ba dire molato ope.
A re, o tsere tshwetso eo a lebile gore molato wa ga Moloko ke oo seng masisi le gore gongwe Dikago o ka tswa a bua nnete gore molato wa gagwe wa 1989 o feletse o tsholotswe. Morago ga katlholo, Dikago o ne a supa botho jo bo sa siamang mme a tlhalosa fa a tlaya go ikuela kwa lekgotla tshekelo le legolo.
A re, ga ba a sekasekelwa e bile, go ka bo gole botoka fa ba ne ba atlhotswe dingwaga tse tlhano di feletse.
Mmakasetereta o ne a laola gore Dikago a isiwe kwa lekgotleng la setswana mme a neelwe mabele a podi, morago a tlatsa ka gore dingwaga tse di neng di seegilwe mo katlholong ya gagwe a direlwe fela jaaka a kopile, a tshwarwe dingwaga tse tlhano ka botlalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 23 Apr 2014