Breaking News

Baruti ba gakololwa go rera ka metheo

23 Apr 2014

Mokhanselara wa kgaolwana ya Kgaphamadi mo Ghanzi Rre Gabriel Nguahoka o kgothaditse boeteledipele jwa dikereke ka go farologana go rerela maloko a bone molao motheo wa dikereke tsa bone gore ba o tlhaloganye.

A re, go botlhokwa gore fa motho a ineela mo kerekeng a tlhalosediwe molao motheo wa yone gore a tlhaloganye tsamaiso ya yone  a tle a nne leloko la kereke a itlhaloganya.

Mokhanselara Nguahoka o buile jalo a bula semmuso bokopano jwa paseka jwa balatedi ba Evangelical Religious Protestant Unity Church, jo bo neng mo tshwaretswe kwa  Ghanzi ka malatsi a paseka.

O kgothaditse balatedi ba kereke eo,  go tshwaragana go rera lorato le kutlwano gore ba seka ba tsenwa ke phefo, a gatelela ka gore o bua se ka jaana a na le matshwenyego a matona  ka go runya ga dikereke gongwe le gongwe, tse e bileng dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa  ka fa molaong .

O kopile balatedi ba kereke eo, go tlhomamisa gore ba tshegetsa bokamoso jwa kereke  ya bone ka go isa dipego tsa ngwaga le ngwaga  kwa go ba kwadiso ya dikereke le mekgatlho, a gatelela ka gore puso e tshwenyegile ka dikereke dingwe tse di sa direng jalo.

O  kgothaditse balatedi ba kereke eo go ngoka maloko a masha gore kereke ya bone e gole, a  ba a kgothatsa banana ba yone go kopisa ditsamaiso mo bogoging jwa kereke, gore e re isago ba tsweledise tiro ya Modimo, a gatelela ka gore go botlhokwa gore banana ba rate kereke ya bone  ba tle ba nne maloko a motia ba sa fudugele kwa dikerekeng  tse dingwe.

Go tlhalosiwa fa mosimolodi wa kereke eo  e ne e le Moruti Arch Bishop Kenaleeng Katjipaha, yo o sa tlholeng a le mo botshelong, mme mo Botswana e simologile ka ngwaga wa 1959.

Go tsweletswe ga tlhalosiwa fa e na le makalana kwa Namibia le Aferika Borwa, mme ntlo kgolo ya yone e le kwa Kanye.

Mo bokopanong joo,  bishopo mogolo  wa kereke Rre Tshenolo Mautle o ne a rerela phuthego ya gagwe ka lorato, tlotlano le go itshwarelelana, a re ke tsone tse di ka agang setho sa balatedi le go godisa leina la kereke eo.

Arch Bishop Mautle a re, go botlhokwa thata gore bakeresete ba itshekatsheke mme ba latelele  lorato le go itshwarelelana.

O kgothaditse maloko a kereke go itshekatsheka gore ba supa lorato lwa Modimo go le kae le gore ba itshwaretse ba le kae. O  kopile banana go itshwarelela thata ka Modimo gore ba tle ba fapoge ditiro tse di ka ba senyetsang bokamoso.

E ne e rile a amogela batsena kokoano eo, mo boemong jwa kgosi, mookamedi Goemeone Mothibi a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2012/2013 mookamedi wa kgaolo ya Ghanzi a lwala thata mme ka dithapelo tsa balatedi ba kereke a sidilega, a fola, a re ka jalo o leboga go menagane.

Rre Mothibi o lebogetse kereke eo go bo e na le dingwaga di le masome a matlhano le botlhano e ntse e le teng mme e santse e bopagane, a supa fa e le lwa ntlha e tshwarela bokopano jwa  yone kwa Ghanzi, selo se a reng o se lebogetse fela thata.

O tsweletse  a kgothatsa  makalana a kereke eo go tshwara ka thata mo tirong ya Modimo le gore ba ba iseng ba age, ba tlhwaafalele go aga ntlo ya thapelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : GHANZI

Event : Kopano ya Paseka ya kereke

Date : 23 Apr 2014