Ba bete se molangwana ka diphetogo
23 Apr 2014
Banni ba Lephephe le Sojwe mo kgaolong ya Kweneng ba re ba kgatlhanong le go tsaya ditlamelo kwa kgaolong e ntsha ya Letlhakeng/Lephephe ka ba re go kgakala e bile ga go na ditsela.
Ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke bogogi jwa khansele ya Kweneng fa ba ne ba tsaya megopolo ya botlhe ba ba amilweng ke kgaoganyo ya melolwane mo metseng e e neng e wela ka fa tlase ga kgaolo ya Lentsweletau.
Diphetogo tse, di tsile morago ga kgaoganyo ya melolwane ya sepolotiki. Fa a ba baya mogopolo pele, mokwaledi mogolo wa khansele ya Kweneng Rre Wadzha Tema, o boleletse banni gore khansele e akantse gore ntswa kgaolo e isitswe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsaya ditlamelo, e lemogile gore go kgakala e bile ga gona ditsela.
A re kakanyo ke gore go dirisiwe Sojwe Service Centre ka go nale dikago tsa di hosetele tse di ka dirisiwang e le diofisi. O boile gape a tlhalosa gore makhanselara one a tla tswelela a nna kwa Molepolole ka ke gone kwa go tsewang ditlamelo teng.
E ne yare ba ntsha maikutlo a bone, megopolo e be e le e e farologaneng.
Monni wa motse wa Lephephe Mme Goleba Tshaakane, o kopile gore kgaolo ya bone e name e tsaya ditlamelo mo kgaolwaneng ya Molepolole/Lentsweletau, fa tse dingwe tse ba di tlhokang ba tla di tsaya kwa Sojwe Service Centre. Mme Goabaone
Basimolodi le ene e le monni wa Lephephe, o supile gore metse e e amilweng ke kgaoganyo melolwane, ga e a lekanwa ke Sojwe Service Centre.
Le fa go ntse jalo, a re, metse e, e lekanwe ke go nna kgaolo potlana, a supa gore go ka nna botoka fa motse wa Sojwe o ka nna kgaolo potlana fa motse wa Lentsweletau one o nna service centre ka gore o bapile le toropo kgolo Gaborone le Molepolole.
E ne yare a ntsha la gagwe, mothusa Kgosi ya Lephephe, Kgosi Gasemosarwa Lebati, a kaya fa ba kile ba kwala ba le kgatlhanong le mololwane o mosha.
A re, ka ba ka seke ba fetole se se diragetseng , o kopa gore service centre e tswelele e dirwe mo Sojwe, gore ba bone ditlamelo mme khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau e seka ya ba latlha ka ba ka seke ba kgone go bona ditlamelo sentle kwa Letlhakeng.
Fa go ntse go le foo, banni ba motse wa Sojwe ba ne ba iteela diatla kakanyo e e tserweng ke bogogi jwa khansele gore ba tswelele ba tsaya ditlamelo kwa khanseleng potlana ya Molepolole /Lentsweletau.
Ba re, mogopolo oo, o montle thata ka e bile ba sena masika kwa Letlhakeng, mme fa ba tsaya ditlamelo kwa Lentsweletau kgotsa Molepolole go ba sologela molemo ka gore fa ba sa kgona go bona dithuso ka potlako ba kgona go lala mo masikeng a bone mo metseng e mebedi eo. Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng Rre Palelo Motaosane o tshephisitse banni gore khansele e batla go nonotsha lefelo la Sojwe gore batho ba bone ditlamelo gaufi le gone go ba fokoletsa mosepele.
A re, ba tlaa fefogela go tlamela service centre eo.
O tlhalositse gape gore kgaolo potlana e dirwa ke dipalo tse dintsi tsa batho mo motseng, ke gone ka moo go nang le moono wa gore go nne le di service centre mo metseng e metona e tshwana le Sojwe le Lephephe go atumetsa batho ditlamelo.
Mo go tse dingwe, Rre Tema o tsibositse morafe gore ere ka ba tshwentswe ke seemo sa thuto ya bana, khansele e dirile thulaganyo e mo go yone batsadi ba bana ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa Shadishadi ba tlaa nnang ba etela bana ba bone ka mafelo a beke go ya go ba tlhola, go ba tlhatswetsa le go ba sidila maikutlo.
Gape o tlhagisitse batsadi gore o tshwenngwa ke bana ba ba nnang kwa masimo.
A re, bana ba, ba tsamaya sekgala se se leele jalo fa ba tsena kwa sekolong ba a bo ba lapile.
O kopile batsadi gore a e nne bone ba tsogang mo gae ba ya masimo go na le selo se, se dirwa ke bana.
O boile gape a tlhalosa gore matlo a VDC jaanong a tla nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya khansele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Apr 2014