Mokeresete o bonwa ka ditiro
23 Apr 2014
Mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi a re o tshwenngwa ke masiela a a tlhokang batho ba ba ka ba duelelang kwa dikolong.
Rre Moatlhodi o ntshitse matshwenyego a fa a abela kereke ya Bethlehem City of Christ Church in Zion (BCCCZ) ditilo tsa dibenche di le lesome ka malatsi a paseka kwa ntlokgolo ya kereke eo kwa Tonota.
A re go a tshwenya go bona go santse go na le masiela a a sotlegang mme bakeresete ba le teng. Rre Moatlhodi, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente, a re bakeresete ba tshwanetse go bonwa ka ditiro.
A re o dumela gore maloko a kereke ya BCCCZ a tshwentswe ke letlhoko la kereke ya bone, a re le ene le mo tshwentse mme fela kereke e ka tshela ka one maloko a yone.
Rre Moatlhodi a re, o tlogelela mokwaledi mogolo wa kereke gore a tle a mmolele gore matsapa di a tsaya kae fa kereke e ise e tsenngwe thaele fa fatshe, a tlhalosa gore fa e le gore go na le letlhoko, a bolelelwe.
O tsweletse a re, e rile ka ngwaga wa 2002 a bolela fa a tshwenngwa ke kgolo ya dibara ka jaana di feta dikereke ka palo, mme ga utlwala fa ba ba yang teng ba re kwa dibareng go na le ditilo fa kwa dikerekeng ba tlhoka se ba se nnang.
A re, e rile go utlwa se, a bona gore go raya gore a rekele dikereke tsa kgaolo ya gagwe ditilo go ya fela gore kereke e na le bolatedi jo bokae, a tlhalosa fa tse di nang le palo e potlana a di rekela ditilo di le nne, fa tse di kgolwane a di rekela di le lesome.
Fa a ntsha la gagwe mookamedi wa kereke Rre Nkwale Mgibelo o tlhalositse fa a lebogela thuso e mopalamente a e ba neetseng, a bo a re, go supa fa Rre Moatlhodi e se mopalamente yo o beileng mo mading fela mme a thusa le setshaba.
Rre Mgibelo a re, le bone e le ba kereke ba eletsa go bona dikereke di ntsifala go na le dibara, a bo a supa fa le Tautona wa lefatshe le la Botswana a ila dibara lebaibai.
O bile a bolelela mopalamente gore kereke ya gagwe e na le tumelo le lorato, a tlatsa ka gore o kare mopalamente Moatlhodi o ka ineela mo go yone ka a lemogile fa le ene e le motho yo o lorato.
Rre Mgibelo o ne a ba a eleletsa Rre Moatlhodi masego, matlhogonolo le katlego mo botshelong jwa gagwe le ba lolwapa lwa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : TONOTA
Event : Kabo ya dimpho
Date : 23 Apr 2014