Breaking News

Bobedi bo sekela bogodu jwa leruo

23 Apr 2014

Banna ba le babedi ba itshupile fa pele ga kgotla ya ga mmakasterata kwa Kaye tebang le molato wa bogodu jwa leruo.

Bobedi joo, e bong Baatshwana Kesekang wa di ngwaga tse 31, a tlholega kwa kgotleng ya Kgwatleng kwa  Kanye le Thatayaone Monaka wa di ngwaga tse 35 a tlholega kwa Mothala mo Kanye, ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi dile lesome le bosupa ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi ale lesome le botlhano ka ngwaga wa 2007, kwa merakeng ya Gampudi mo kgaolong ya Borwa.

Dipodi tse tsotlhe e ne ele P300 nngwe le nngwe ya tsone, mme madi a tsone ya nna P5 100, tsotlhe eleng tsa ga Rre Kebonyemodisa Mothibi.

Mo molatong wa bobedi, basekisiwa ba lebisitswe molato wa go utswa dipodi di le pedi le dinku di le tharo tsa kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa, tsa ga Gaokgakala Masilonyana, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e ka lopa P500 mme fa di kopane di ka dira P2 700.

Bobedi jo gape bo lebisitswe molato wa boraro wa go utswa leruo la madi a selekanyo sa P2 300 la ga Kebatshabile Motsumi, kwa kgotleng ya Kgwakgwe.

Mo molatong o mongwe, e rile ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi ale masome mabedi le bone kwa merakeng ya Motlhatseng mo kgaolong ya Borwa ba utswa dipodi dile masome a mabedi le bongwe tsa madi a selekanyo sa P9 550 tsa ga Thato Khuto.

Go ntse go le foo, e ne yare ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola lesome le boraro kwa masimong a Mohelo mo kgaolong ya Borwa, ba utswa dipodi dile lesome le bone tsa madi a P5 050 tsaga Lebogang Baikgantsi.

Madi otlhe a leruo le le utswilweng ke P24 700 mme dipodi tsotlhe tse di utswilweng ke bobedi joo ke masome a matlhano le boferabongwe le dinku dile nne.

Mo molatong o, puso e emetswe ke Sub-Inspector Pogiso Toteng wa sepodise sa Sejelo mo Kanye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : KANYE

Event : Tsheko

Date : 23 Apr 2014