Breaking News

Mapodisi a ganetsa magatwe

23 Apr 2014

Mapodisi a Tutume a ganeditse magatwe a gore selalome se se neng sa bolaya mme mongwe kwa masimong a Selolwane ka go mo rema ka sengwe se se bogale mo tlhogong se tlhagile kwa kgolegelong.

Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana o boleletse batho ba ba neng ba le mo phuthegong ya kgotla mo Madikwe kwa Tutume, fa mmelaelwa yo o a le kwa kgolegelong kwa Francistown ebile a ne a itshupile fa pele ga kgotla tshekelo bosheng.

A re batho ba phuthologe, ba ye go dira ditiro tsa bone kwa masimong, ka motho yoo ga a ise a tlhage kwa kgolegelong.  O tsweletse a bolela fa rre yoo, wa letso la Zimbabwe, a ne a tsile Tutume a le mo diatleng tsa mapodise le badisa magolegwa, ba le mo ditlhotlhomisong.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Nkhwanana o ile a kopa setshaba go ba thusa go tshwara Charlot Ndlovu wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe, yo o tlholegang kwa Plumtree kwa Zimbabwe.

A re yoo, o ne a emetse tsheko kwa ntle mabapi le polao mme jaanong ke mmelaelwa mo tiragalong e e diragetseng bosheng e e setlhogo e go fitlhetsweng setopo sa mongwe se phuagantswe mo sekgweng mo Tutume.

O tlhalositse fa ba sale ba batla Ndlovu go tswa ngwageng o o fetileng, ka molato wa ntlha, ka a ne a emetse tsheko a le kwa ntle mme a tlola ditshetlana tsa molao oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Apr 2014