Breaking News

Tshireletso o kgala thulaganyo ya poso

22 Apr 2014

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kgadile a sa kgwe mathe ka fa poso ya Maokane e amogedisang bagodi mo malatsing a a rileng ka teng.

Fa a tsibogela matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mme Tshireletso o tlhalositse gore puso ga e a dumalana le diposo gore ba thuse bagodi ka dikamogelo mo malatsing a a rileng.

A re puso e duetse diposo gore di thuse bagodi ka dinako tsotlhe, e seng go ba beela malatsi a ba tshwanetseng go tla go amogela ka one. Mothusa tona a re se se dirwang ke poso ya Mookane ke go bogisa bagodi.  Le fa go ntse jalo, o ne a solofetsa baagi ba koo fa a tlaa laela ba lephata la gagwe go bua le diposo mabapi le matshwenyego a.

Mo go tse dingwe, Mme Tshireletso, yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, o ne a kopa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go tlhodumela pampiri ya ikwadisetso ditlhopho e e beilweng kwa dikgaolong tsa bone go rurifatsa gore ga go a kwadisiwa batho ba dikgaolo di sele mo go ya bone.

A re fa ba ka fitlhela maina a bangwe, e bile ba tlhomamisa gore ga ba nne mo kgaolong ya bone, ba begele ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho gore go tlhotlhomisiwe.

O ne a tlhagisa gore ba ba tlaa tshwarwang ba leka go tsietsa ka go leka go tlhopha mo dikgaolong tse e seng tsa bone ba tlaa otlhaiwa, e bile ba tlaa bo ba ithontshitse tshwanelo ya go tlhopha.

O ne a gatelela ka gore baagi ba tshwanetse go itseela ditshwetso e seng go tseelwa ditshwetso ke batho ba sele.

Mopalamente o ne gape a rotloetsa ba ba sa ikwadisetsang ditlhopho go dirisa tlaleletso ikwadisetso ditlhopho e e tlaa simololang Motsheganong a rogwa go fitlhelela malatsi a le lesome le boferabobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Apr 2014