Bopelotelele le lerato di aga lonyalo
22 Apr 2014
Rre Tlamelo le Mme Keamogetse Senna ba kwa Ntlhantlhe mo kgaolong ya ga Ngwaketse ba akgoletswe go nna sekao sa lorato le bobelotelele mo nyalong.
Go buile jalo Moruti Mcdonald Modukanele wa kereke ya Sabata bosheng fa ba ne ba ipelela dingwaga di le masome a mane le botlhano ba le mo nyalong e e boitshepo.
Moruti Modukanele a re go maleba gore bobedi joo bo ipelele dingwaga tse di kalo, ele sekao sa bobelotelele mo dinakong tsa segompieno tse batho jaanong ba sa tlholeng ba nale boitshoko.
A re go botlhokwa gore basha ba tseye malebela mo go boora Senna, gore le bone ba kgone go aga metse ya sennelaruri e e sa rutlomololweng ke dikgwetlho tsa botshelo.
Fa a ntsha la gagwe, Mme Senna a re, o tsene mo nyalong le Rre Senna a sale monnye,e bile a tla fela a sa tshola sepe, a mo fitlhela le ene a santse a simolola botshelo.
A re e re le ntswa a ne a le mmotlana mo go Rre Senna, ga a ise a ke a mo kgerise ka gope ka bonnye jwa gagwe, e bile o supile fa a ne a fetoga motsadi wa gagwe.
A re, ga ana dipadi gope mo mmeleng ka jaana Rre Senna a ise ake ka tsela epe a mo keteke, selo se a reng e tshwanetse go nna thuto mo basheng.
O tsweletse a re, lenyalo mo go bone e ne e le lorato eseng papadi, mo go dirileng gore ba kgone go tshela ba ikamogetse go fitlhelela mo nakong eno.
E re ntswa go ne go nale dikgwetlho, Mme Senna a re, ba di fentse ka neelano, boineelo, bobelotelele le go ikanya Modimo.
A re , fa ba nale dipharologanyo fela jaaka batho ba ba sa akanyeng ka go tshwana ba tshwanetse go nna le tsone, ba ne ba di fenya ka gore yo mongwe a ingotle a kope maitshwarelo, selo se go lebegang se tlhaela mo malatsing a segompieno.
Mme Senna a re, e bile ba godisitse bana mmogo ba thusanya go otlhaya ngwana fa a tswa mo tseleng.
O supile fa gole botlhokwa go thaela motse mo seatleng sa Modimo ka gore ke ene monei wa botshelo le motlhodi wa lonyalo. Rre Senna ene a re, o lebogela bana ba gagwe go bo ba ba tlotlomaditse ka go ba direla modiro oo kalo. A re, o lebogela gore molao o ba neng ba o ruta bana bao, maduo a one a a bonala mo matshelong a bone ka bongwe ka bongwe.
Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe ene o tlhalositse fa boora Senna ele batho ba ba boineelo le lorato mo setshabeng .
A re, Rre Senna ga ake a tlhoka go nna le seabe mo ditirong tsa morafe, a ba a tlhalosa fa Mme Senna ene ele setswerere sa puo, se se sa tshabeng go kgalema fa dilo di tswa mo tseleng.
Mongwe wa dibui Mme Ellen Ntsema Orekeng, ene o akgoletse barwa le barwadia Senna go bo ba tlotlomaditse batsadi ba bone mo dinakong tsa gompieno tse bangwe bana ba iphetotseng matswatseleng.
Mme Kenalemang Modise o iteetse kobo moroko ka temana ya Baefesia kgaolo ya borataro temana ya ntlha, e e reng, ‘bana utlwang batsadi ba lona gonne moo go siame mo moreneng’, go akgolela bana bao go tlotlomatsa batsadi ba bone.
Boora Senna ba segofaditswe ka bana ba robabobedi, bana ba bana bale lesome le boroba-bobedi le dikokomane dile pedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monnakgotla
Location : KANYE
Event : Moletlo wa ipelelo nyalo
Date : 22 Apr 2014