Tsayang moopelo tsia - tona
22 Apr 2014
Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu o kopile ditlhopha tsa moopelo tsa kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go tsaya moopelo wa bone ka tlhwaafalo.
Mme Makgato-Malesu o buile jalo kwa dikgaisanong tsa moopelo wa kereke eo kwa Ratholo ka malatsi a paseka. A re, mmino mo malatsing ano ke botshelo jwa motho, mme fa o tsewa ka tlhwaafala o kgona go dira pharologanyo e tona mo matshelong a batho le ba malwapa a bone.
Tona o tlhalositse fa mmino o sa tlhole o lebiwa ele wa go itlosa bodutu fela mme ele tsela nngwe ya go ka dira madi go itshetsa le gone go tlhabolola tikologo ya motho.
O tsweletse a tlhalosa gape gore moopelo o tshwanetse go tsewa jaaka kgwebo. Mme Makgato-Malesu a re, mo lephateng la gagwe go nale lekalana la tshomarelo dikitso tsa ditlhamo ba tshwaragane le ba bodiragatsi, ba tlile ka melawana ya gore batlhami ba akole meputso ya ditlhamo tsa bone.
Ka jalo diletswa tsa bone di simolotswe go duelelwa.
A re, ka jalo kereke le yone, e tshwanetse go akola seemo se, a tlatsa ka gore dikhwaere tsa FGAC tsa Selebi- Phikwe le Gaborone di setse di gatisitse mmino wa tsone e bile oa rekisiwa.
A re, kereke ya FGAC e bone go le botlhokwa go kopanya banana ba yone ka kopelo, mme ka jalo selo se, se tla a ruta banana gore ba ka tswelela mo botshelong ka kopelo.
Mme Makgato-Malesu a re, kopelo e a fodisa, e a kaela, e a ruta e bile e aga mowa wa motho.
O tsweletse a re, bokgoni jwa banana ba kereke e jwa go tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o botlhokwa wa lefoko la Modimo, ke ka bokgoni jwa boeteledi pele jwa kereke, mme ka jalo a leboga ba FGAC go bona ba tsaya moopelo tsia.
Mo go tse dingwe tona o lebogile ba kereke ya FGAC go bo e nale seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana. Mme Makgato-Malesu a re, kereke e, e tsere maikarabelo a go thusa puso go aga banana le go abela ba Masiela Trust Fund madi go ithusa.
A re, se, se supa gore kereke e tshwere moono wa tebelopele ya Botswana wa go utlwela ba bangwe botlhoko.
Kereke ya FGAC fa e sale ka ngwaga wa 2004 e tshwere moono wa gore ngwaga le ngwaga ka malatsi a paseke e abele lekgotla la Masiela Trust Fund sengwenyana. Ngwaga ono e ba abetse dikete di le tlhano tsa dipula.
Fa a rola maikaelelo a dikgaisano tseo, modulasetilo wa komiti ya dikhwaere tsa kereke Rre Cedric Luka, o tlhalositse fa maikaelelo a bone ele go gasa lefoko la Modimo le go sokolola batho ka kopelo.
Rre Luka a re, ba dumela gore fa ba ka sokolola batho ka moopelo, ba ka kgona go lwantsha dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le borukutlhi le tiriso ya nnotagi.
A re, ba lemogile fa moopelo ele tsela nngwe ya go ka lwantsha diemo tse, a tlatsa ka gore moopelo wa kereke ya bone ga o felele mo kerekereng , mme ba setse ba kgonne go gatisa mmino wa bone mo ditlhopheng dingwe.
O tlhalositse gape gore mangwe a maikaelelo a bone ke go kgobokanyetsa kereke madi ka moopelo gore e tle e kgone go diragatsa ditoro tsa yone. Rre Luka o tlhalositse fa dikhwaere tsa kereke di nale seabe mo kagong ya kereke ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : RATHOLO
Event : Dikgaisanyo tsa moopelo
Date : 22 Apr 2014