Breaking News

Ba itekodisa molaodi

22 Apr 2014

Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa  Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Alakanani Thabiwa,  a re motse wa bone o beilwe semmuso  ka 2005 mme le fa go ntse jalo ditlhabololo di santse di saletse  kwa morago.

E rile a lekodisa molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba ka ditlhabololo tsa motse mo phuthegong ya kgotla bosheng,  Rre Thabiwa a re ba tlhaloganya fa itsholelo ya lefatshe leno e santse e le kwa tlase, ka jalo ba kgonne go itirela dingwe di le mmalwa go leka go tlhabolola motse wa bone.

Rre Thabiwa o tlhalositse fa ba kgonne  go aga matlo a polokelo a le mabedi kwa kgotleng,  ntlwana ya boiteketso ya metsi le ntlwana e nngwe ya lefuti kwa mabitleng.

O tsweletse a tlhalosa fa ba solofeditswe dilo di le mmalwa di akaretsa go tlhabololwa ga kgotla mme le jaana go ise go dirwe.  O kopile gore kokelwana ya nakwana (mobile clinic) e fetolwe e nne kokelwana e e ka thusang bosigo le motshegare.

A re, kokelwana eo, e bulwa gangwe fela mo bekeng ka jalo balwetsi ba tlamega go etela dikokelwana tse dingwe mo metseng e e mabapi .

O tsweletse a tlhalosa fa ba tlhokana le molemise, mmaboipelego le mokenti. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Chilimba , o ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse fela thata , a bolela fa ba dira tiro e ntle  e bile e eletsega. 

O ba tlhaloseditse fa itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase mme le fa go ntse jalo a tla fetisetsa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thato Gori

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Apr 2014