Breaking News

Ga ba itumedisiwe ke seemo sa kokelo

22 Apr 2014

Batho ba dikgotla tsa Thini, Madikwe le Selolwane ba lela ka seemo sa kokelo ya Tutume, e ba bolelang fa ba sale ba ikuela ka seemo sa yone mme nako kgolo e le eno.

Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalante wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu bosheng.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Selolwane, Rre Rabasimane Selolwane, a re baswabile nko go feta molomo fa tona ya botsogo, Dr John Seakgosing a ne a supa fa go tla baakangwa dikokelo di le tlhano mme ya Tutume e se mo teng.

Rre Selolwane o boletse fa ba tswa kgakala ba lela ka seemo sa kokelo eo, se a kaileng fa se ngomola pelo thata, bogolo jang kwa go robadiwang balwetse teng.

Monni wa Madikwe, Rre Bapaphi Bagwasi le ene o ne a bua a sa kgale mathe ka kgang ya kokelo ya Tutume, a bolela fa bana le dingwaga di ka feta botlhano ba ikuela ka seemo sa yone.

O ne a wela ka go botsa gore go bokgakala bo kae gore kokelo e e baakanngwe. Kgosi Elias Bosija wa Thini o ne a ngongorega ka borukutlhi jo bo diragalang mo motseng bo dirwa ke batswakwa.

Fa araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Batshu o ne a bolela fa e le nnete kokelo ya Tutume e seyo mo mananeong a a yang go dirwa mo kabong ya madi a 2013/2014, a re e ka ntshafadiwa fela. A re katoloso ya diofisi tsa mapodise le yone kokelo eo ya Tutume ke matshwenyego a itsegeng mme seemo sa itsholelo se se sa ntseng se le kwa tlase ke sone se diileng gore ditlhabololo dingwe di dirwe.

O ile a kopa banni go tlogela mokgwa wa go fa batswakwa mmereko le jone boroko tota, a re ke bone ba ba itlhabang ka thipa mpeng, ka go amogela batho bao. Mopalamente Rre Batshu o mo loetong la kgaolo ya gagwe go lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng le go  tsaya megopolo mo go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Apr 2014