Breaking News

Pilediwa e a lwelwa

22 Apr 2014

Batsadi ba gakolotswe go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, ka go nna ba tsibogela diphuthego tsa sekole.

Kgosi wa Mmatshumu, Rre Keletshwaretse Phetsogang a re go lebega bana bangwe ba ba dirang dithuto tsa bone tsa magare kwa sekoleng se segolwane sa Makgadikgadi, kwa Mosu, e le boikarabelo jwa barutabana ka gore batsadi ga ba ke ba tsibogela dipitso tsa sekole.

Kgosi Phetsogang a re le fa go ne go se motlhofo go tswa Mmatshumu o ya Mosu, ka go se na dipalamo tsa setshaba mo tseleng e e gokaganyang metse eo, batsadi ba tshwanetse ba itse seabe sa bone mo thutong ya bana e bile ba se diragatse ka botlalo.

O leboga batsadi ba ba nang le dikoloi ka mowa o montle wa go thusa ba bangwe ba tshwaraganela mosepele go ya go tsenelela diphuthego tsa sekole. O supile gore seemo seo se dira gore barutabana ba felele ba supiwa ka monwana fa bana ba sa dira sentle mo dithutong, ka jalo a re motsadi yo o tshwaraganang le sekole o ka kgona go lemoga dikgwetlho tsotlhe tse di kgoreletsang.

Kgosi Phetsogang a re go na le bana bangwe ba ba thobang kwa sekoleng mme batsadi ba bone ba felele ba nna le bone mo malwapeng ba sa dire maiteko a go itshwaraganya le sekole go tlhotlhomisa se se ka tswang se kobile ngwana le gone gore a kgone go ya go tsweledisa dithuto.

A re bangwe ba bana bao ba felela ba sa boela sekoleng gotlhelele.  Go tlhoka go duela seabe sa batsadi mo thutong le go ntsha lemme le le dirisiwang go reka dithoto tse di tsamaisang sekole le gone go tlhalositswe e le kgwetlho.

O kopile ba ba nang le kgwetlho ya go thusa bana gore ba seka ba itlhoboga mme ba ikopanye le ofisi ya boipelego le bogogi jwa motse gore ba kgone go fiwa dikgakololo.

O supile gape gore ba ofisi ya khansele le bone ga ba kgetholole ka gore mo mabakeng a a thata ba kgona go thusa le bana ba ba sa thusiweng ka ditlamelo ke khansele ka sepalamo, ka nako ya dikole di tswalwa le fa di bulwa.

Le fa go ntse jalo, a re legale ga a rotloetse batsadi gore ba seka ba rulaganyetsa mosepele wa bana ba bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya motse

Date : 22 Apr 2014