Bagodi ba amogela mananeo a poso
22 Apr 2014
Bagodi ba supa fa ba amogela mananeo a ba poso ba tlang ka one ka atla tsoo pedi, e bile ba lebogela fa le bone ba sa tlogelwa kwa morago.
Mookamedi wa diposo mo kgaolong ya Kgalagadi le Lobatse o tlhalositse fa poso e ikaelela go tokafatso ditlamelo le mananeo a a ntseng a thusa bagodi, bagaka ba ntwa ba pele le botlhe ba ba amogelelang kwa diposong.
Fa a tlhalosa mo phuthegong ya kgotla e mo go yone a neng a patilwe ke bodiredi jwa poso ya Tsabong, Rre Boyce Diseko, a re lekalana la diposo le tshwaragane le ba Holard le itlamile go tsisetsa Batswana mananeo a phitlho a a ditlhwatlhwa tlase.
A re, go nale mefuta ya mananeo a phitlho e le meraro ya ditlhwatlhwa tse di farologaneng e simolola ka P27.95 go fitlhelela kwa go P150. A re, se, se bakilwe ke gore bagodi ba ntse ba tlogetswe kwa ntle fa go tla mo dikganyeng tsa mananeo a diphitlho, ka jalo o gakolola bagolo gore ba rotloetse bana ba bone go reka mananeo a, ka a le kwa tlase e bile a le bogadi bo gaufi.
O tsweletse a supa fa bukana e bagodi ba ntseng ba e dirisa go amogela e tla emisediwa ka karata. A re, se, se tsile ka ntlha ya go lemoga fa dipampiri tsa dibukana di kgobokana kwa diposong mme di bake matlakala a mantsi le go senyega ga dibukana kwa malwapeng.
Rre Diseko o supile fa dikarata di tla tsena mo tirisong ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe, mme kwadiso e tla simolola mo bogaufing. A re, ka dibukana tse bagodi ba di dirisang mo go seno sebaka ke tsa ngwaga otlhe, ba ka tswelela fela ba di dirisa morago ga Seetebosigo ba kopantse le go dirisa dikarata tsa bone.
Fa a tlhalosa ka kwadiso le tiriso ya dikarata Rre Diseko a re, bagodi ba tla tsewa menwana yotlhe ya matsogo go direla gore ere le fa menwana mengwe e ka sutlhega go dirisiwe e e setseng.
O tsweletse ka go supa fa se, se tla tlhofofatsa tiro ka go ya go rurifatsa gore motho o a tshela mo go ntseng go dirwa morago ga kgwedi tse tharo, go tla ema .
A re, ba santse ba bua le batsaya-karolo ka go farologana ba tshwana le ba dipalamo tsa setshaba le marekisetso a dijo gore bagodi ba ba dirisang karata e, ba ka bona phokoletso ya ditlhwatlhwa fa ba dirisa ditlamelo tsa bone.
Rre Diseko a re, go dirisa karata go botoka fela thata fa go tshwantshanngwa le dibukana ka gore motho o ka kgona go ipolokela madi mo go yone.O tsweletse a re, motho ga a patelesege go tsaya madi a gagwe otlhe, o ka a tlogela gore a nne a oketsega, mme le fa motho a itlogeletse madi, otla a fitlhela fela a ntse jaaka a ne a a tlogetse.
O tsweletse a re, sebe sa phiri ke gore karata ya poso ga e tshwane le ya dibanka ka ga e tsenye morokotso, a tlatsa ka gore se, ke ka gore poso ga e ise e nne banka mme ba santse ba kopa mo pusong gore ba ka fiwa teseletso ya go gweba e le banka, ka jalo ba tla kgona go tokafatsa ditirelo tsa bone.
Rre Diseko o tsweletse a tlhalosa gore karata tsa ntlha tse di tla fiwang bagodi, e tla bo e le mahala mme fela fa go ka direga gore di senyege kana di latlhege, go e emisetsa go tla lopa P22.
Fa a ama kgang ya bagodi ba ba amogelelwang ke bana, Rre Diseko a re, bagodi ba tla kwadisiwa fela jaaka go ntse go dirwa, mme bone ba ikgethele gore a ba tla ikamogelela kgotsa ba tla amogelelwa ke mongwe.
A re, fa ele gore motsadi o batla go amogelelwa ke mongwe, go tla dirisiwa menwana ya gagwe mo karateng. A re, bape fela ba ba nang le dikoloto tse di kwa morago ba tla bona madi a bone.
E ne ya re fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi Rre Sam Brooks a re, ba akgolela ba poso dithuto le mananeo a masha a ba tlang ka one.
A re, Tsabong ke motse o o mo molelwaneng , ka jalo batho ba ba tswang kwa Aferika Borwa ba ema pele mo go one pele ba ka fetela kwa toropong tse dingwe, mme a re, seemo sa poso mo Tsabong ga se itumedise.
O tsweletse a re, fa go ka lekiwa go tokafatsa diposo le fa bagodi ba amogelelang teng go ka nna botoka fela thata. A re, se, ga se ame diposo fela mme se ama lefatshe la Botswana ka kakaretso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Gagankalafe
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Apr 2014